Breaking News

Dipego tsa melato ya kgokgontsho di golela pele

30 Nov 2022

Melato  ya kgokgontsho e digoga kwa pele mo dikgang tse ba  sepodisi ba di gatisang. 

Deputy Divisional Commander North Central, Mme Goabamang Dintsi o buile seo kwa mogwantong kgatlhanong le kgokgontsho ya bong gammogo le go gakologelwa  batswa setlhabelo ba kgokgontsho, o o neng o tshwerwe ka Labobedi mo Palapye.

 Mme Dintsi a re kgatiso ya melato e mentsi ya kgokgonthsho e  supa fa puso e dirisa madi a mantsi go leka go e lwantsha. 

 Ka jalo o rotloeditse banni ba kgaolo ya Palapye go ema kgatlhanong le masula otlhe a kgokgontsho ya bong.

O ba rotloeditse gore ba gase molaetsa wa kgokgontsho ba bo ba tseye kgang ya twantsho kgokgontsho ka tlhwafalo. 

A re setlhogo sa mono ngwaga se kgothatsa mongwe le mongwe go ema kgatlhanong le kgokgontsho, ntwa e o e ka kgonwa ke tshwaragano magareng ga puso, makalana a ikemetseng, bagwebi le setsaba ka kakaretso.

Mme Dintsi a re dipalo di supa gore ka ngwaga wa 2020, kgaolo ya sepodisi ya Palapye e gatisitse dikgang tse di ko godimo tsa kgokgontsho fa go tshwantshangwa le ngwaga wa 2021 le 2022.

A re kgaolo ya Palapye e gatisitse melato e amanang le kgokgontso ele 734 ka 2020,ele 594 ka 2021 le 630 ka 2022. 

A re dipalo tse ke tsa nako ya kiletso metsamao ya COVID19 mme go ne ga  itemogelwa kgolo ya dipalo tsa kgokgontsho ya bong.

O tsweletse ka gore puso e dira maiteko a go lwantsha kgokgontsho ka go tlhama makalana aa itebagantseng kgokgontsho mo go ba sepodisi le dikomiti ka go farologana.

Mme Dintsi a re kgokgontsho e ama thata bomme le bana ba basetsana ka dipolao dipetelelo le goima ga banana a re badira melato ba ba bolaya baiteledipele ba kamoso .

O kopile gore mongwe le mongwe a begele mapodisi dikgang tsa kgokgontsho tse a di bonang, ka gore setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata.

Mme Dintsi a re mo malatsing a lesome le borataro le go ya pele, o rotloetsa botlhe go ema kgatlhanong le kgokgontsho, a re ba re nyaa eseng mo go bomme le bana.

Mogolwane wa lephata la bong, Mme Malebogo Abesai a re maikaelelo a mogwanto o ke go tsholetsa lentswe kgatlhanong le kgokgontsho ya bong.

Mme Abesai a re ke nako ya go aga tshwaragano ya ba-na-leseabe mo ntweng kgatlhanong le kgokgontsho. 

Kgosi Martha Lebang wa Palapye, a re dikgang tsa kgokgontsho di a tshwenya mo motseng wa gagwe. 

A re kgang e nngwe e e tshwenyang ke ya bomme ba ba tshololang dikgang tsa melato eo, a re selo se se baya matshelo a bone ka fa mosing.

O kgadile bomme a re ba emise mokgwa wa go okisiwa  ke borre fa ba ba kgokgontshitse kana ba ba bipa fa ba kgokgontshitse bana. Kgosi o kopile borre go tsaya tsaya karolo mo go lwantsheng kgokgontsho ya bong,a tlhalosa gore ke boikarabelo jwa botlhe.

Mokhanselara wa Kgaolo ya Boikago/Madiba mo Palapye, Rre Boitshoko Kinnear a re dikgang tsa kgokgontsho di ama batswa setlhabelo mo maikutlong, seriti mme banne le boitlhobogo mo botshelong.

Rre Kinnear a re dipalo tse di ko godimo tsa dikgang tsa kgokgontsho dia tshwenya, ka e bile di tsaya sebaka go sekwa ko makgotleng a ditshekelo.   BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : PALAPYE

Event : Mogwanto

Date : 30 Nov 2022