Dinotagi le diritibatsi di koafatsa mmele
30 Nov 2022
Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o gakolotse baithuti ba sekole sa Kwena Sereto go ikgapha mo dinotaging le diritibatsi.
Mo molaetseng o a neng a o abelana le baithuti jaaka ba tla bo baya malatsing a boitapoloso, Rre Regoeng a re dinotagi le diritibatsi di koafatsa mmele fa gongwe di bake le bolwetse jwa tlhaloganyo.
Mo godimo ga moo, Rre Regoeng a re dinotagi di ka ama dithuto tsa bone le go ba kgoreletsa mo go tseeng dithuto ka tlhoafalo.
Ka jalo, o kopile baithuti go tsaya dithuto tsa bone ka tlhwaafalo go itsa go tsena mo dipharagobeng, a bolelela gore seo se tlaa ba betlela isago go nna le boikarabelo mo setshabeng.
Rre Regoeng o ba rotloeditswe go ipetsa ka thupana go busetsa serodumo sa sekole seo, se se kileng sa bo se itsiwe ka go dira sentle mo ditlhatlhobong tsa lekwalo lwa boraro mo kgaolong ya Molepolole Bokone.
Ntswa se ne se itumedisa bontsi mo nakong tsa maloba seemo se tsere phekela e sele ka mo nakong ya gompieno se le kgakala le seelo se se beilweng.
Kgosi Lawrence Mokopotsa a re maitshwaro a bana a dule mo tseleng mo ebileng batsadi ba setseng ba kgona go bidiwa kwa nakong e e fetileng ba ne ba bitswa ke bagolwane ba sekolo mabapi le maitshwaro a a sa nnang sentle a baithuti.
A re thuto ke selotlolo sa bokamoso ka jalo baithuti ba thwaafale go itsa go nna bakopi.
Kgosi Mokopotsa o ne a re thuto ke boswa jwa se nnela ruri a bo a leboga ka fa maitshwaro a bana a fetogileng morago ga pitso e ba kileng ba e ela.
Mogokgo wa sekole seo Mme Galaletsang Moutlwatsi-Sebele a re mo ngwageng o fetileng sekolo se ne sa dira 26 per cent ka jalo a kopa batsadi go tshwaragana le barutabana mo dithutong tsa bana e le tsela nngwe ya go rotloetsa go nna le kgathego mo dithutong.
Sekole se na le barutabana ba ba ithutetseng tiro ba le masome marataro le bone (64) ka jalo o dumela gore palo eo e lekane gore e tseye sekole e se ise pele.
A tswelela ka gore ba ikaeletse go bereka ka thata gore ba atamele seelo se se letlelelwang jalo ba tlaa thusa bana ka gotlhe mo ba ka go kgonang gore ba dire sentle.
Mme Moutlwatsi-Sebele a re dingwe tsa tse di amang kgoreletsang bana ke nnotagi, diritibatsi le dintwa.
Fa Mokhanselara wa Boswelakoko-St Paul Rre Boiki Sibisibi, a re thupa mo baithuting ke yone tsela nngwe ya go ba busetsa mo tseleng le go ba agela bokamoso.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Mme Leatile Majafe, yo o kileng ya bo ele moithuti wa sekole seo a re maduo a sekole ga a nametse mme ba eletsa go ipona ba le kwa pele.
A re le ntswa palo ya babereki ba Ipelegeng e le kwa tlase go tla go thusa go kgaola ditlhare tse di dikaganyeditseng sekole ba tlaa dira ka gotlhe gore ba di kgaole.
O kgothaditse baithuti go ikgapha mo dilong tse di duleng mo tseleng gore ba nne sekao se mo go ba ba tlang kwa morago ga bone.
Mme Majafe a re bana ba basetsanyana ba ikele tlhoko mo go borre ba ba batlang go ba senyetsa bokamoso, ba ba okisa ka go ba neela dimpho ele pipa molomo ya go tlhakanela dikobo le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keagetswe Motsumi
Location : MOLEPOLOLE
Event : Molaetsa
Date : 30 Nov 2022