Kweneng Council Trust le ABSA di aba ditanka tsa metsi
29 Nov 2022
Lekalana la Kweneng Council Trust le banka ya ABSA ba abetse sepatela sa Scotish Livingstone le kgotla kgolo ya Bakwena ditanka tsa metsi tsa selekanyo sa 5 000 litres ele nngwe mongwe le mongwe
Erile fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho tseo, Modulasetilo wa Kweneng Council Trust, Rre Charles Keikotlhae o boletse fa e ne yare ba lemoga seru se seneng sa wela lefatshe leno ka lebaka la bolwetse jwa COVID 19, ba bona go le maleba gore ba kope dithuso go tlamela maphata a puso ka ditanka tsa metsi gore batho ba kgone go tlhapa matsogo go ipabalele mo bolwetsing jwa Corona.
A re le fa go ntse jalo banka ya ABSA e ne ya utlwa selelo sa bone mme ba ntsha ditanka tse pedi tsa dijojo go abela sepatela le kgotla.
Rre Keikotlhae a re Kweneng Council Trust e na le lenaneo la go aba mme ebile ba setse ba dirile go tlala ka diatla go direla morafe.
A re ba mo lenaneong la go agela dikole tse supa mo Kweneng metlobo ya dibuka.
Mo nakong ya gompieno, Rre Keikotlhae a re ba setse ba kgonne go bona dibuka, ditafole le ditilo.
O tlhalositse fa keletso ya bone ele go bona ba dira pharologanyo mo setshabeng.
Modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Motlhophi Leo, o tlhalositse fa maikaelelo magolo a lekalana la Kweneng Council Trust ntleng le go dira letseno, ele go tsenya letsogo mo ditirong tsa bopelotlhomogi le go nna le seabe mo go thuseng tshaba e ba direlang mo go yone.
A re ke ka moo lekalana le, le dirileng ditiro tse di ntsi tsa bopelotlhomogi mo Kweneng ka bophara.
Erile fa a amogela mpho eo mothusa Kgosi ya Bakwena, Kgosi Lawrence Mhaladi, a galaletsa ba ABSA le lekalana la Kweneng Council Trust. A re o lebogetse mpho eo go menagane ebile ba tswelele ka go dira tiro e ntle e ba e dirang mo morafeng ka kakaretso.
Fa a amogela mpho eo boemong jwa bogogi jwa sepatela, Dr. Terence Mukuhwa o akgotse Kweneng Council Trust le ba ABSA go bo ba supile boeteledipele jo bo nonofileng ebile gape ba bone botlhokwa jwa go ba thusa gore sepatela se bone metsi ka a lebotlhokwa thata mo botsogong jwa setshaba.
A re o lebogetse banka ya ABSA go kgaogana dithuto tsa madi le bone le gone go ipha nako ya go tlhola badiredi ba botsogo go arogana maele a botshelo ka go tlhakanela letsatsi leo le bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : MOLEPOLOLE
Event : Moletlo
Date : 29 Nov 2022