Breaking News

Batshu o amogela thomo ya boruti

29 Nov 2022

Mookamedi wa kereke ya Spiritual Healing, Moruti Joseph Motswasele a re tiro ya boruti ke go ruta lefoko la Modimo le go rotloetsa kagiso le popagano mo kerekeng le mo setshabeng ka kakaretso.

Moruti Motswasele o buile se kwa moketeng wa kgoroso ya ga Moruti Edwin Batshu le Mme Chedza Batshu kwa kerekeng ya Spiritual Healing kwa Maitengwe ka Matlhatso. A re moruti Batshu o tlhomamisitswe moruti kwa Matsiloje ka nako ya paseka ka Moranang.

A re  moruti jaaka moeteledipele le mokaedi wa phuthego o tshwanetse go tshela se a se rerang, a tlatsa ka gore morafe le balatedi ba gagwe ba solofetse ditiro tse dintle le tse di eletsegang mo go ene.

‘’Fa moruti a sa rere lefoko la boamaruri batho ba itse gore kereke ke yone e e sa bueng boamaruri, le fa a sa rute kagiso le popagano mo setshabeng, batho ba ipolelela gore ke kereke e e dirang jalo,’’ ga rialo Moruti Motswasele.

Mookamedi Motswasele o kopile moruti go tshwara maloko a gagwe ka tekatekanyo, go dira ka mowa wa tshwaragano le tirisanyo mmogo. O kopile maloko a kereke ya Spiritual Healing go tlotla baeteledipele ba bone le go ba kaela tsela fa ba tswa mo tseleng.

O boletse fa puso e na le mananeo a mantsi a a itebagantseng le dikgwetlho tse batho ba di raletseng, di tshwana le nnotagi, lehuma, borukutlhi, kgokgontsho ya bomme le bana, tshenyetso setshaba le tse dingwe. O ne a kopa maloko go tshwaragana le puso go rera kagiso mo bathong le go tsibogela dikgang tsa mofuta oo.

O boletse gore bangwe balatedi ba kereke ba dira dilo tse di duleng mo tseleng ba iphitlhile ka leina la kereke, mme a ba kopa go tlogela mokgwa wa go nna jalo, ka jalo ba nne sekao mo bathong

Fa a amogela thomo, Moruti Batshu o ne a leboga thata tlotla e a e filweng ke kereke  ya go etelela kereke ya Maitengwe. A re o tshepisa maloko le boeteledipele jwa kereke eo gore ga kitla a ba swabisa ka lepe letsatsi. O supile fa a tswa kgakala ka go rongwa ditiro tsa setshaba mme a di dira ka botswapelo.

Moruti Batshu a re ke mongwe wa batho ba ba neng ba rumilwe go ranolela baebele mo Setswaneng go tswa mo Sesothong, tiro e a boletseng e tsamaile sentle. 

A re le ka nako e a neng a romilwe ke batho ba kgaolo ya Nkange go ba emela kwa Palamenteng o ne a wetsa thomo ya gagwe metse yotlhe e e mo kgaolong eo e goketswe motlakase le ditiro dingwe tse di neng di seegetswe fa thoko go dirwa ka lenaneo la ditlhabololo la bo lesome le bongwe(NDP11) dingwe tsa tsone di ne tsa dirwa.

O solofeditse boeteledipele le balatedi ba kereke fa a tla dirisanya le batho ba motse le go godisa serodumo sa kereke mo motseng oo. E rile a latlhela la gagwer, Kgosi Shadreck Mphala-Mengwe wa Maitengwe a bolela fa dikgang tsa borukutlhi di sa jese di welang mo motseng oo.

Kgosi Mengwe a re o itemogetse go re bontsi jwa badiramolato bao ke batho ba ba sa tseneng kereke, a tlatsa ka gore e le bogogi gammogo le dikereke ba tlaa tshwaraganela dikgang tsa mofuta o o le go leka go fetola batho go ba aga sesha.

Kgosi o ne a ngongorega ka batho  bangwe mo motseng ba ba tlhagang molelwane ba ya dikerekeng kwa lefatsheng le le mabapi. A re o nna a ipotsa gore koo ba batla eng ka dikereke di dintsi mo Maitengwe, gape thero kana baebele e nngwe fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : MAITENGWE

Event : Mokete

Date : 29 Nov 2022