Breaking News

Tshidilo mmele e thusa botsogo

29 Nov 2022

Botsogo jo bo itekanetseng ke konokono mo botshelong jwa motho, go bua jalo Dr Kakala Bangala wa Victoria Medical Centre kwa Tutume.

Dr Bangala o boletse se ka letsatsi la itshidilo mmele le botsogo la babereki ba lephata la botsogo ba kgaolo potlana ya Tutume bosheng. 

A re batho ba tshwanetse go tshwenyega ka botsogo jwa bone gore tsotlhe tse ba di dirang le tse ba di jang di siametse mebele ya bone.

A re go itshidila mmele go dira gore ba lapologe ditlhaloganyo ka ba kopana le dikgwetlho mo tirong ya bone, mme seo se dira pharologanyo mo botsogong jwa bone le go tlisa maduo mo tirong. A re puso e tshwaragane le namane e tona ya go leka go lwantsha malwetsi a tshwanang le bolwetsi jwa sukiri le jwa madi a matona, a gomagometsang go nyeletsa itsholelo.

A boletse fa go itshidila mmele le go itlhokomela mo malwetsing a go nna jalo go ka fokoletsa puso mokgweleo wa go tlhokomela batho ba malwetsi ao. O gwetlhile badiri bao go tshwenyega ka botsogo jwa bone le jwa setshaba, a gatelela ka gore seemo sa tiriso botlhatswa ya bojalwa le motsoko fa e sa tsibogelwa ka bofefo se tla ama ditlhabololo le itsholelo ya lefatshe.

Dr Bangala o kopile tshwaragano ya setshaba le puso mo ntweng kgatlhanong le tiriso ya dinotagi pele lefatshe le senyega. Mogolwane wa lephata la botsogo la kgaolo potlana ya Tutume (District Health Management Team - coordinator), Mme Keoratile Ntshambiwa a re e le badiri ba botsogo ke bone ba ba amiwang thata ke malwetsi ka go farologana ka e le bone ba fang batho dithuso.

Mme Ntshambiwa a re ba tshwanetse go tshwenngwa ke seemo seo, mme ba lwele go di goga kwa pele mo go rotloetseng botsogo jo bo siameng ka go tshela se ba se rutang batho.

Maikaelelo a letsatsi leo e ne e le go nna le neelano ga ba direlapuso ba botsogo, ka ba direla kwa mafelong a a farologaneng, go godisa tshwaragano, tirisanyo mmogo le botsalano mme kwa bofelong go nne le maduo a a eletsegang. Gape le go oka badirelapuso bao go nna le letsatsi la go itshidila mmele le go itlhatlhobela malwetsi ka go farologana.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Tebogo Masuruke

Location : TUTUME

Event : Tsatsi la itshidilo mmele

Date : 29 Nov 2022