Ba gakololwa go dirisa melemo e e kwadisitsweng
28 Nov 2022
Batswana ba gakolotswe go dirisa melemo e e rurifaditsweng fa e siametse matshelo ebile e kwadisitswe ka gore melemo, ditlolo didirisiwa tsa botsogo tse di sa kwadisiwang di ka nna borai mo matshelong a batho.
Pele ga molemo ope o ka tsena mo lefatsheng leno o tshwanetse o bo o kwadisitswe, ka moikopedi wa gore molemo o dirisiwe mo lefatsheng a lopiwa buka kana kitso yotlhe ka molemo go supa gore molemo oo o dirilwe jang, ka eng ebile o dirilwe ke bo mang.
Moanamisa mafoko wa Botswana Medicines Regulatory Authority (BoMRA) Mme Itumeleng Ledimo o buile se jaaka fa ba ne ba buisa maloko a kereke ya Seventh-Day Adventist kwa Serowe ka Matlhatso go ba itsise ka ditirelo tsa bone.
Mme Ledimo o supile fa go na le didirisiwa dingwe e ka tswa e le melemo kana ditlolo dingwe tse di sa kwadisiwang mo lefatsheng leno mme bangwe ba tsweletse ka go di rekisa.
Mme Ledimo a re fa ba sena go amogela kopo ya gore molemo o tsene mo lefatsheng ba dira dipatlisiso go sekaseka gore a molemo oo o ka dirisiwa.
A re ba BoMRA ba leba gore a molemo o na le boleng, a o siametse go dirisiwa le gore a o ka bereka.
Mme Ledimo o ne a ikuela mo Batswaneng go sala molao morago, a re ba lephata la diteseletso ka fa tlase ga lekalana la BOMRA ke bone ba itebagantseng le go fa ditleseletso tsa gore a molemo o ka dirisiwa mo lefatsheng leno mme ntleng le seo ga go na gore molemo o ka dirisiwa.
Ka jalo mme Mme Ledimo a re motho mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya gore e re jaaka e le modirisi wa molemo mongwe jalo a botse gore a molemo oo, o filwe teseletso kana jang.
O ne a supa fa melemo mengwe e kgona go letlelelwa go dirisiwa mme kwa morago e bo e sa tseye badirisi bangwe sentle mme fa seemo se ntse jalo badirisi ba tshwanetse ba bege kwa go ba botsogo gore go itsiwe gore bangwe ga ba tsewe ke molemo mongwe sentle.
O supile fa mo dinakong tse dingwe ba BOMRA ba kgona go utlwa ka badirisi mo maranyaneng gore a molemo o ba tsaya sentle kana ga o ba tseye sentle a supa fa go tshwana fela le fa ba sa ba begela ka ba ka seka ba dirisa tse di tswang mo maranyaneng go supa gore melemo mengwe ga e tseye bangwe sentle.
Ka jalo o ne a ikuela mo setshabeng go sa nneng fela mo malwapeng fa ba utlwa dikai dingwe fa ba sena go dirisa melemo mengwe.
A re fa motho a na le dikai morago ga go dirisa molemo mongwe o tshwanetse a tabogela kwa go ba botsogo gore ba kgone go itsise ba BoMRA. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Puisano
Date : 28 Nov 2022