Breaking News

Emisang kgokgontsho- Tona Billy

28 Nov 2022

Mothusa tona wa lephata la banana, bong, metshameko le ngwao Rre Buti Billy o rotloeditse botlhe go emisa kgokgontsho ka e le borai. 

Rre Billy o buile se,  a bula semmuso tshimolodiso ya malatsi a a lesome le borataro a a tlhomilweng ke ba lekgotla la mafatshefatshe la United Nations go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana kwa motseng wa Gakhibane ka Labotlhano.

Mothusa tona a re malatsi ao, a a simololang Ngwanatsele a le masome a mabedi le botlhano go fitlha Morule a rogwa, a tlhomilwe ke United Nations go lemotsha batho bodiphatsa jwa kgokgontsho gore mongwe le mongwe a eme ka dinao a tseye karolo go emisa kgokgontsho.

O tlhalositse fa ditsheka-tsheko tsa National Relationship study tse di dirilweng ka ngwaga wa 2018 di supa gore 37 per cent ya bomme le 21 percent ya borre ba setse ba kile ba itemogela kgokgontsho mo matshelong a bone, mme seo se supa gore bontsi bo amilwe ke kgokgontsho. Ka jalo o rotloetsa gore go fetolwe dikakanyo go lwantshiwe kgokgontsho ka ditsela tsotlhe ka e ama matshelo ka ditlamorago tse di ba busetsang ko morago.

O kopile  botlhe go tshwaragana go emisa kgokgontsho ya bong le bana, a tlatsa ka gore kgokgontsho ga se ya kiteo fela ka go na le ya maikutlo, go itseela dikobo ka dikgoka, go dirisa bana go amogela dimpho tse di sokameng ke batsadi ba bone.

Mo nakong eno dipatlisiso di supa gore kgokgontsho e ntsi ke ya dikiteo, e e amang bana ba basimane ka selekanyo sa 43 per cent, ba ba ka fa tlase ga dingwaga tse di lesome le boferabobedi. 

Ba basetsana e ba amile ka selekanyo sa 28.4 per cent mme a supa jalo gore kgokgontsho e borai ka e dirwa ke batsadi, batlhokomedi ba bana ba go solofelwang gore ba sireletse bana.

O tlhalositse fa lelwapa kana morafe o o nang le kgokgontsho, go supega fa  bana ba ba golelang mo go tikologong eo, ba sa gole sentle. 

Bangwe ba bone ba felela ba tshela ka go dirisa diritibatsi kana nnotagi go leka go tila seemo sa kgokgontsho kwa malwapeng.

Rre Billy a re dipatlisiso tsa World Population Review tse di dirilweng ngogola di supa gore kgokgontsho ya go itseela dikobo ka dikgoka e ntsi ka 22.93 percent mo bathong ba le 100 000. 

A supa gore batho ba ba kileng ba ralala kgokgontsho eo ba nna le go tshwenyega mo maikutlong mme go ba kgoreletse go akanya mo go tlhapileng.

Ka jalo a re go botlhokwa gore mongwe le mongwe a itshekatsheke go bona gore kgokgontsho e a emisiwa ka ditlamorago tsa kgokgontsho di sena maduo a mantle.

A re le kwa ditirong go tshwara bomme ka marago kana dikarolo dingwe tsa mmele ke kgokgontsho. Mme a supa gape gore kgokgontsho mo dikoleng e a tshwenya, ka jalo e tshwanetse ya emisiwa.

O ne a tlhosa fa molao motheo o supa gore mongwe le mongwe o na le tshwanelo ya go tshela botshelo jwa gagwe jaaka a batla mme a sa kgokgontshiwe, ka jalo go botlhokwa go sireletsa ditshwanelo tsa batho.

Rre Billy a re  puso e tsweletse ka go dira melao e e emisang kgokgontsho, a tlatsa gape gore puso e tlaa tswelela e tsisa mananeo a a sireletsang bomme le bana.

O ne a kopa botlhe go sekaseka diemo tse ba tshelelang mo go tsone, go ema ka dinao go emisa kgokgontsho ya bong le bana.

Kgosi Giel Jacobs wa Gakhibane, o kopile morafe gore dipalo tse di kwa godimo tsa kgokgontsho mo motseng oo di fokodiwe. A re kgokgontsho ke ntwa e e sa lemosegeng mme e bokete. 

A supa gore ya maikutlo e bokete go feta, ka jalo a re seo se tshwanetse sa emisiwa.

O ne a kopa bomme go emisa go kgobera ba bangwe maikutlo ka dipuo ka seo se le borai. A supa gore Botswana ke lefatshe la kagiso, ka jalo kagiso eo e tshwanetse go simologa kwa malwapeng.

A re ga go a tshwanela go nna le dipolaano ka lebaka la kgokgontsho. O gakolotse banana bangwe go ikela tlhoko ka ba na le go tshola bana ba bo ba ba tlogela le batsadi ba sa ba tlhole ba supa gore seo ke kgokgontsho mo baneng.

E rile a tswa la gagwe, mopalamente wa Kgalagadi Borwa Rre Samuel Brooks, a re kgokgontsho e tshwanetse ya emisiwa ka ponyo ya leitlho ka ele mmaba wa kagiso. 

O ne a tlhalosa fa bana  ba sa tshwanela go golela mo kgokgontshong ka e felela e nna selo modiro. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : GAKHIBANE

Event : Tshimologo ya malatsi a kgokgontsho

Date : 28 Nov 2022