Banana ba gakololwa ipopa go tsaya mananeo
28 Nov 2022
Banana ba roltloeditswe go ipopa ditlhopha go tsenya dikopo tsa madi a dikgwebo gore ba kgone go itlhamela ditiro
Mafoko a, a builwe ke mogolwane wa lephata la Banana, Bong, Metshameko le Ngwao wa toropo ya Selebil Phikwe Mme Wadza Fani, fa a ne a simolodisa metshameko ya kgaolwana ya Selebi Phikwe ka Matlhatso.
O tlhalositse fa metlhale ya khumo ele mentsi mme e tlhoka balatedi.
Ka jalo Mme Fani a re banana ba seka ba lebelela mohama wa motshameko o le nosi, mme ba dirise lenaneo la madi la banana e le tsele nngwe ya go itshimololela dikgwebo.
Mo go tsa metshameko, Mme Fani o ne a tlhalosa fa metshameko e, e thusitse ditlhopha tse dingwe tsa mo toropong go ikgethela batshameki mo ditlhopheng tse, a tlatsa ka gore motshameko le one o ka tlhama tiro fa a o tsewa ka tlhwaafalo.
O ba rotloeditse go dirisa metshameko go itshidila mebele le go ja sentle gore ba seka ba tshabelelwa ke malwetse a a sa tshelwaneng.
A re go botlhokwa gore banana e nne batho ba ba nonofileng ka ele bone baeteledipele ba kamoso, gore mo isagong ebe ba ka kgona go tlhabolola lefatshe ba itekanetse.
Mo go tse dingwe, o akgoletse banana gore e be ba tsweletse ka go tsaya karolo mo metshamekong ya dikgaolo tsa botlhophi ee tsamaisiwang ke lephata la Banana, Bong Metshameko le Ngwao.
O ba akgoletse gape go tswelela ba tshameka le mororo puso e fokoditse madi a sekgele, a ntseng a gapiwa ke ditlhopha tse di dirileng bontle.
Mme Fani o ne a tlhalosa fa dikgaisano tsa metshameko ya go nna jaana, di sa kgona go tshwarwa mo mafelong a mangwe ka banana ba ngongoregela gore madi a mannye, mme a ba lebogela gore le fa diemo di le thata ga baa ka ba ipona tsapa mme ba tswelela ka go tshameko.
A re se, se supa boineelo, bopelotelele le lorato mo metshamekong, mme a ba rotloetsa go tswelela ka mowa o a tlhalosa fa o tla ba kgontsha gore ba atlege mo botshelong.
Mo godimo ga moo, Mme Fani o ba rotloeditse gore ba emise go inaakanya le dilo tse di sa siamang jaaka go iphitisa nnotagi, bogodu le dipolao.
A re go innakanya le nnotagi go ka senya isago ya bone, ka jalo ba tlhophe ditsala tse di siameng tse di ka ba isang kwa botshelong jo bo siameng, e seng tse di ba gogelang mo dilong tse di bosula tse di ka kgotlelang isago ya bone.
Le fa go ntse jalo banana ba lebogetse Mme Fani le badiri ka ene, gore ebe ba tsweletse ka go ba kgothatsa mme ba solofetsa fa ba tlaa dira ka bojotlhe go tswelela ba tlhabolola matshelo a bone. Ba ne ba kopa puso go oketsa madi a metshameko, ba re a mannye fela thata, ka jalo a ka tloga a kgoba ba bangwe marapo mme morago go ame mohama wa metshameko mo lefatsheng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Metshameko
Date : 28 Nov 2022