Breaking News

Ba atla go godiswa ga khansele

28 Nov 2022

Banni ba Kanye ba atlile mogopolo wa go godisa khansele potlana ya Kanye go nna khansele kgolo. Ba galaleditse maiteko a puso, ba supa fa thulaganyo e e tlaa ba thusa ka ditlamelo di tla a bo di le gaufi le bone.

Ba buile jalo fa ba a kgwa dikgaba tekodiso ya Tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Kgotla Autlwetse fa a buisanya le banni ba Kanye ka lenaneo la phatlalatso ditirelo le ditlamelo kwa Kanye bosheng.

Rre Autlwetse o supile fa thulaganyo e, e akaretsa dikhansele di le masome mabedi le bobedi, mme go fetisitswe di le lesome le bongwe pele, e re ngwaga o o tlang ka kgwedi ya Moranang go bo go fetisiwa tse di setseng.

A re ba simolotse ka dikhansele potlana tse, Tutume, Boteti, Mahalapye, Maun, Okavango, Tsabong, Hukuntsi, Goodhope, Molepolole le Mogoditshane, Letlhakeng. A tlatsa ka gore madi otlhe a tiro eo, a tshwara P63 million A re tshwetso e, e dirilwe go lebeletswe dipalo tsa batho ka bophara, sekgele se batho ba se tsamayang go latela ditlamelo.

Rre Autlwetse a re ba tlhatlhositse maemo dikhansele potlana tse di setseng dina le dikago, go dira tiro motlhofo. O supile fa thulaganyo e, konokono ya teng e le go tsisa ditlamelo gaufi le batho, le go boloka madi mo tsamaisong ya dikhansele tseo ka nako ya diphuthego.

A re go tlhokega madi a mantsi go aga dikokelo le dikole, jalo thulaganyo e e ka thusa go dira ditlhabololo mo metseng ka go farologana. Rre Autlwetse o boletse fa gape thulaganyo e ntseng e le teng e le turu, gape go tsaya lobaka gore go tsewe ditshwetso, ka dikhansele potlana di tshwanetse go emela bokopano jwa khansele kgolo.

O tlhalositse  fa bodiredi jwa puso le jone bo tlaa tlhatlosiwa maemo gore maemo a bone a lekane le boikarabelo jo ba tla a bong ba bo neetswe. 

Fa a latlhela la gagwe, Modulasetilo wa Khansele ya Borwa, Rre Thamiso Chabalala a re konokono ya puso mo thulaganyong e, ke go isa ditlamelo ko bathong.

Rre Chabalala a re go tsamaya sekgala go latela ditlamelo go senyetsa batho madi. O tladitse fa tshwetso eo, e tla a thusa go fedisa tshenyetso setshaba. A re o leboga thata gore Tona Autlwetse le ba lephata la gagwe ba bo ba lemogile botlhokwa jwa go dira jalo, a tlatsa ka gore o eletsa fa maphata a mangwe le one a ka kopa thulaganyo eo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Thuso Kgakatsi

Location : MMATHETHE

Event : PHUTHEGO

Date : 28 Nov 2022