Breaking News

Bakgweetsi ba kopiwa go nna kelotlhoko

27 Nov 2022

Bakgweetsi ba kopilwe go nna kelotlhoko mo diphologolong tsa naga fa ba kgweetsa mo ditseleng tsa Ngamiland, bogolo jang mo nakong e mapodisi ba boloditseng letsholo la malatsi a masome marataro go lwantsha borukutlhi le go fitlhelela ipabalelo tseleng.

Fa a bua kwa molelwaneng wa tsa matlhoko a leruo kwa Makalamabedi bosheng, mookamedi wa tsa ipabalelo tseleng mo District No. 5, Superintendent Oathusa Tshotlego o tlhalositse fa ba dule letsholo go ruta setshaba le go tlhomamisa maitlamo a ba sepodisi a malatsi a le masome marataro a a tsweletseng go lwantsha borukutlhi le go fitlhelela ipabalelo tseleng.

 Supt Tshotlego a re go le gantsi fa go goroga nako ya Keresemose, batho ba etela kwa Maun go ja nala ka jalo go le botlhokwa gore ba itse fa go na le diphologolo tse mo ditseleng tse di yang Maun.

O ne a kopa bao ba ba tsayang mesepele go emelela nako e sale teng.

A re go botlhokwa gore bakgweetsi ba ikhutse fa ba lapile go na le go itlhaganelela go goroga.

A re jaaka go simolotse paka ya boitumelo, bangwe ba raelesega go itshiela nnotagi ba ntse ba kgweetsa mme o ne a kopa gore ba tlhomamise gore ba wetse mosepele pele.

O tlhalositse fa ka malatsi a a segetsweng fa thoko ba tlaa bo ba ruta setshaba go tlhokomela dithoto tsa bone jaaka ba tlaa bo ba etela kwa mafeolong a a farologanyeng gore e seka ya re ba boela magaeng ba bo ba fitlhela magodu ba ba amogile dithoto.

O ne a gatelelela botlhokwa jwa go laela baagasanyi pele ga batho ba tsaya loeto gore ba sale ba ba tlhokomeletse dilwana.

Rre Tshotlego o supile fa mapodise ba phuruphutsha dikoloi jaaka di goroga kwa melelwaneng go tlhomamisa gore dithoto tse ba di pegileng ke tsa bone.

O tlhalositse fa ngwaga le ngwaga ba tshwaragana le ba lephata la makgetho (BURS), lephata la dipalamo le mesepele, MVA Fund le ba lephata la ditsela go tlhatlhelela Batswana ka ipabalaelo tseleng le tse dingwe mo nakong e ya malatsi a masome marataro.

 O ne a leboga badirisi ba tsela, badirisi ba dipalamo tsa setshaba kwa molelwaneng wa Makalamabedi go bo ba dirisana le bone sentle.  BOKHUTLO

 

Source : BOPA

Author : Portia Ikgopoleng

Location : MAKALAMABEDI

Event : POTSOLOTSO

Date : 27 Nov 2022