Go fetola magolegwa go botlhokwa
27 Nov 2022
Go fetola dikitso tsa magolegwa go botlhokwa ka go thusa go fetola ka fa ba akanyang ka teng. fa ba tswa mo kgolegelong.
Se se builwe ke mogolwane wa kgolegelo ya Mahalapye, Superintendent Martin Mokgethi kwa thuto puisanong ya magolegwa le makalana a a farologaneng e e neng e tshwerwe kwa kgolegelong bosheng.
Supt Mokgethi o tlhalositse fa maikaelelo a bone e le go fetola maitsholo a magolegwa mme ba bone go le maleba go tlhabolola dikitso tsa bone gore ba kgone go itshetsa fa ba tswa mo kgolegelong jaaka batho botlhe.
A re go botlhokwa gore fa magolegwa a gololwa go laletswe batho ba ba tswang kwa ntle go tla go ba sidila maikutlo le go ba rutuntsha ka dikgwetlho tse ba ka kopanang natso kwa ntle, ka go le lebaka ba tswaletswe mo kgolegelong ka jalo dilo fetogile ka bontsi.
O gakolotse magolegwa go itse gore phetolo e simolola ka bone ka jalo ba tseye dithuto ka tlhoafalo gore ba nne le kitso.
Fa a tswa la gagwe, Moruti Mpoloka Maseko o tlhalositse fa maikaelelo a letsatsi e le go tlisa dikitso mo magolegweng a a gaufi le go gololwa, go dira thulaganyo e e faphegileng ya go busetsa magolegwa kwa setshabeng le go dira botsalano le makalana ka go farologana go leka go ba bopa setshaba.
Mooki wa tlhaloganyo kwa sepateleng sa Mahalapye Mme Gabaitsane Letlamoreng o supile fa go sena botsogo bope ntle le jwa tlhaloganyo.
O gakolotse magolegwa gore ba tshwanetse ba ithotloetsa go sa kgathalesege gore go bokete go le kae.
A re jaaka magolegwa a tlaabo a boela kwa setshabeng go na le ka fa morafe o tla ba lebang ka teng mme ba tshwanetse ba ikemisetsa go lebagana le kgwetlho eo ya kgethololo. O tlhalositse fa go na le metlhale e mentsi ya go tokafatsa tlhaloganyo mme a supa fa go ithata le go itlotla e letsone pinagare, ka go ka ba thusa go boelana le batho ba ba tshelang le bone.
O gakolotse gore batho ba tshwanetse ba bua fa ba sa tsoga sentle gore ba bone dikgakololo go itsa go dira dilo tse di maswe tse di ka ba busetsang kwa kgolegelong.
Mme Letlamoreng a re magolegwa a tshwanetse a nna le dikakanyo tse di siameng nako tsotlhe ka gore tlhaloganyo e dumela mo go se motho a se ipolelelang. O ba rotloeditse go nna le tsholofelo mo go tsotlhe tse ba di dirang ebile ba seka ba letlelela go nna le kgatelelo ya maikutlo lebaka le le leele ka gore e ka koafatsa tlhaloganyo.
O tsweletse a ba gakolola gore ba nosetse botsalano jwa bone le ba ba tshelang le bone ba seka ba ikgetholola mme ba ikamogele gore setshaba se kgone go ba amogela lentswa go ka tsaya lebaka.
“Go ja dijo tse di nang le dikotla le go itshidila mmele go botlhokwa ka go thusa go lapolosa mmele le tlhaloganyo go bo go tlisa le botsogo jo bo itekanetseng, ka jalo le tshwanetse la netefatsa gore le ja sentle ka nako tsotlhe,” a tlatsa.
Mme Letlamorenga re ba seka ba ikamanya le tiriso ya ditagi fa ba tsena kwa ntle, a re ditagi di koafatsa tlhaloganyo mo go ka felelang go ba tseisa ditshwetso tse di ka ba busetsang kwa kgolegelong, mme ba amogele seemo sepe se ba tla kopanang naso.
Moitsaanape wa tsa kgwebo go tswa kwa Local Enterprise Authority, Rre Tefo Keotsositse o rotloeditse gore ba tlise megopolo ya bone gore ba kgone go thusiwa go baya dikakanyo tsa bone mo pampiring gore ba kgone go ka ikopela madi a di kgwebo. A re go tswalelwa mo kgolegelong ga se phelelo ya botshelo ka jalo magolegwa a tshwanetse a akanya gore gona le botshelo kwa ntle ga kgolegelo.
Mogolwane wa ofisi ya banana Mme Oarabile Kagiso o kgothaditse magolegwa go etela di ofisi tsa banana fa ba sena go gololwa gore le bone ba tle ba neelwe mananeo a puso a a ka tokafatsang matshelo a bone. O ba gakolotse gore ba nne pelotelele, ka gore ba simolola botshelo sesha. .
A re ga ba a tshwanela go itebela kwa tlase, mme ba ikage sesha gore ba kgone go amogelesega mo setshabeng.
Superintendent Obakeng Tutwane o lebogetse maphata go tla go kgaogana le bone dikitso tse di farologaneng abo a lebogela magolegwa a a gaufi le go gololwa go nna karolo ya thuto seka di puisano e, ebile ba supe kgatlhego mo go fetoleng matshelo a bone.
A re magolegwa a tshwanetse a supa tse ba di dirileng ka ditiro, gore ba tla ba ikagile ebile ba ikanyega. O supile fa magolegwa a tshwenyega ebile ba tshela ka dipelo tse di botlhoko, ka jalo ba bona gole botlhokwa go tlisa lenaneo la go ba busetsa kwa setshabeng gore ba amogelesege sentle. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : MAHALAPYE
Event : Thuto puisano
Date : 27 Nov 2022