Balemi kgaolo ya legare ba monela morula pele
27 Nov 2022
Balemi bangwe mo kgaolong potlana ya Serowe ba dumelana le diane tse di reng ‘nonyane ya motsogapele e ja seboko sese nonneng’, ebile ‘mosele wa pula o epiwa go sa le gale’ ka go lema fela fa pula e phaila. Balemi bao ba re ba bone gole botlhokwa go monela marula pele ka go simolola go baya ditema morago ga dipula tsa bosheng.
Ba re ba ne ba semelela ba lema ka ditsabone, ebile ba ithekela dipeo, gona le go emela dithuso tsa lenaneo la puso la go lemela balemi (ISAPAAD) tse di iseng di simolodisiwe, ba re bokgola bo ka ba sia.
Ba kaile fa gale le gale ba nna bone ba ntlha go lema fa pula e phaila, gore batle ba bone thobo ee nametsang, ebile e ba busetsa botoka thata.
Mme wa dingwaga tse di masome matlhano wa masimo a Lephala, gaufi le motse wa Paje, Selwana Seetswane o setse a beile tema morago ga dipula tsa bosheng, ka a dumela gore moleta ngwedi ke moleta lefifi.
Mme Seetswane a re o itheketse dipeo, ebile o dirisa tshukudu ya temo ya gagwe, o setse a lemile ditema di le lesome, mme a jwala ka go gasa. A re tse di latelang ke gone a tlaa jwalang ka ditselana.
A re o solefetse gore kgwedi ee tlang, dijwalo dingwe, jaaka maraka, di bo di setse di jewa. O boletse fa gale le gale a dira jalo, mme a bone thobo ee nametsang.
Mme Seetswane, yo o lemang magapu, dinawa, mabele, mmidi, maraka, ntshe, maphutshe le lab-lab, a re o nna a bona thobo ee nametsang, e e jewang mo lwapeng, mme bontlha bongwe a bo rekise. A re sebe sa phiri ke masogo, dikgaka, matsiakarana, diphuti, ditholo le bonoko.
Mme Seetswane, yoo boletseng fa a rata temo thata, gape a ruile dihutshane le dikgomo, tse a di tlhokomelang fela ka boene. O kgothaditse Batswana ba bangwe go lema gore ba ntshe dijo tse di lekaneng, le go lesa go lelela mo pusong, ka gotwe ‘mokodue go tsoswa oo itekang’.
Rre Moses Masuku wa masimo aa gaufi le Serowe, o boletse fa tloga tloga e tloga gale, a kaya fa go lema fa pula e phaila go le botlhokwa thata ka molemi a bona dijo tse dintsi.
A re erile lerothodi lantlha le wa ke fa a eme malala a laotswe a golega ditonki tsa gagwe a leba ko tshimong.
Rre Masuku o boletse fa a sa ikaega thata ka go emela lenaneo la ISPAAD, a bolela fa le dipeo ba ise ba di phakisiwe.
A re o sale a rema makabu mo tshimong ya gagwe ebile o e ageletse ka botswerere gore leruo le seka la mo tshwenya. Le ene o jwadile ka go gasa mme o emetse gore di gole.
O boletse fa beng ba ditshukudu tsa temo bangwe ba sa lemele batho sentle ba dira dibanka fela mo tshimong, fa bangwe ba tura bobe ba bolela fa leokwane le lone le tura. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 27 Nov 2022