Breaking News

Boimana jwa bana bo ile magoletsa

27 Nov 2022

 Kgaolo ya Bobirwa ke nngwe ya dikgaolo gatisitse dipalo tsa baimana ba ba ka fa tlase ga dingwaga  di  le lesome le boferabobedi di le  lekgolo le masome a supa go simolola ka kgwedi ya Firikgong go fitlhelela Ngwanatsele mono ngwaga.

Mogokaganyi wa botsogo wa kgaolo ya Selebi Phikwe, Dr Kesegofetse Chabaesele o buile se kwa bokhutlong jwa letsholo la merero ya tlhakanelo dikobo le tsholo kwa Bobonong ka Labotlhano.

A re mo ngwageng o fitileng dipalo tse, di ne di le makgolo a mabedi le masome a matlhano le boraro. Se go ya ka Dr Chabaesele se tshwentse ba botsogo thata ka gore dipalo tse, di ama bana ba ba santseng ba tsena dikole.  O kopile batsadi go tshwaragana le ba botsogo go lwantsha dikgang tsa bana ba ba imang ba sale babotlana.

Fa a tswa la gagwe Assistant Superintendent Kesebonye Morakanyane wa sepodisi sa Bobonong,  a re go a tshwenya gore batsadi ba bo ba ntse moriti o tsididi fela ba sa begele mapodisi dikgang tse, ntswa ele molato  go tlhakanela dikobo le bana. A re go lemogilwe fa bontsi jwa dikgang tse, di dirwa ke borre ba batona ba okisa bana ba dikole ka madi fa dingwe ele tsa thubetso.

O tlhalosiste fa motse wa Bobonong o le nosi ka ngwaga wa 2020 go gatisitswe dikgang tsa borre ba ba mo maratong le bana ba bannye di le lesome le boraro le tse di masome mararo le bongwe ka 2021 fa mono ngwaga go setse go gatisitswe di le masome mabedi le bosupa.

A re bontsi jwa marato a sa letlelesegeng a  bana, a felela a bakile boimana mme batsadi bangwe ba bipa mpa ka mabele ba sa ntshetse dikgang tse kwa ntle gore badiramolato ba tshwarwe.

Assistant Superintendent Morakanyane a re dikgang tsa thubetso le tsone di ile magoletsa mo motseng wa Bobonong, a tlhalosa fa go gatisitswe dikgetsi di le masome mabedi le boferabongwe ka ngwaga wa 2021 mme mono ngwaga go setse go gatisitswe di le masome mabedi le bongwe.

A re dipolaano tsa baratani le tsone di tsentse tlhako kgamelong, mme a kopa banni go ikgapha mo go direng molato.

Fa a tswa la gagwe Mopalamente wa kgaolo ya Bobonong Rre Taolo Lucas, a re dipolaano tsa baratani di a tshwenya fela thata mme a rotloetsa mongwe le mongwe go nna le seabe mo go emiseng dikgang tsa sebopego se.

O tsweletse ka go tlhalosa fa boimana jwa bana ba bannye bo na le ditlamorago ka mmele wa ngwana o ise o tsene mo seemong sa go nna le ngwana.

Rre Lucas a re  thuto ya ngwana e felela e amega ka ngwana a tshwanelwa ke go nama a tlogetse sekole a ya botsetsing, a tlhalosa fa bontsi jwa bana ba ba nang le bana, ba sa kgone go dira sentle mo sekoleng ka ba tshwanelwa ke go tsaya le boikarabelo jwa botsadi ba santse ba le bannye.

A re bana ba ba diegelang go tlhakanela dikobo go fitlhela nako e batla bong ba nonofetse go dira jalo gantsi ba atlega mo botshelong.

“Fa o tshola ngwana o le monnye wa go lala o akanya ka botshelo ba gago leng?” ga botsa Rre Lucas.

O kopile batsadi go tlhokomela bana, mme a rotloetsa borre go thusa bomme go tlhokomela le go godisa bana, a tlatsa ka gore batsadi ba bue le bana ba bone ka dikgang tsa tlhakanelo dikobo le tsholo, a re ga ba tshwanela gore ba dire dikgang tse phitlhela kgomo ya serotswana.

A re se, se tla thusa bana go phuthologa go bua le batsadi ba bone ga mmogo le go thusa go fa bana dikgakololo ba sa tshabe sepe. 

Letsholo le, le simolotse kwa motseng wa Shoshong, la fetela kwa kgaolong ya Boteti mme la wela kwa motseng wa Bobonong ko Babirwa ba neng ba le amogela ka diatla tsoo pedi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : BOBONONG

Event : Phuthego

Date : 27 Nov 2022