Breaking News

Dipalo tsa kgokgontsho di a tshwenya

24 Nov 2022

Dipalo tsa melato e e amanngwang le kgokgontsho mo kgaolong e e ka fa tlase ga sepodisi sa Kasane di a tshwenya.

Se se builwe ke mokhanselara wa Kasane Central, Rre Chifu Munihango morago ga mogwanto o o neng o rulagantswe ke ba sepodisi go tsibosa morafe go ema kgatlhanong le kgokgontsho le borukutlhi.

Mokhanselara Munihango a re go tswa ka Seetebosigo go ema ka Lwetse, mapodisi a Kasane se gatisitse melato ya thubetso e supa, ya go dirisa bana botlhaswa le yone e supa, ele meraro ya matshosetsi a polao, o le mongwe wa polao ya motho le ele 74 ya go itaya le go gobatsa fa ele 11 e ne ele ya go itlhokomolosa tlhokomelo ya bana.

A re dipalo tse di a tshwenya ka di supa fa ntwa kgatlhanong le kgokgontsho ele kgakala le go fenngwa, a tlatsa ka gore se se tshwenyang segolobogolo ke gore dipalo tse ke bontlha bongwe fela ka jaana tse dingwe di sa begelwa mapodisi.

Rre Munihango o ne a gwetlha setshaba go tsaya boikarabelo jwa go lwantsha kgokgontsho ka go bega melato mo go go ba ba maleba.

O ne a re go supagala gore ngwao, tiriso botlhaswa ya dino le ditagi di rotloetsa kgokgontsho.

E ne erile go le pele fa a amogela sechaba, Kgosi Thuso Wasetso wa Kasane Central a leboga mapodisi go phutha sechaba go se ruta le go ema kgatlhanong le kgokgontsho.

Kgosi Wasetso a re melato ya kgokgontsho e ne ya oketsega thata ka nako ya kiletso mesepele go laola kanamo ya COVID-19. A re sebe sa phiri ke gore bangwe ba bomme ba ne ba batla go tsholola dikgang, ka jaana badira molato e le bone ba ba tshetsang.

O ne kopa bomme go ikemela ka dinao, ba kope mananeo a puso a itshetso, gore ba lese go ikaega le go itshokela go kgokgontshiwa ba tshaba gore ba ka sotlega.

Mooki wa balwetse ba tlhaloganyo, Mme Bontle Mothibedi a re manokonoko a kgokgontsho ga a fela mo mmeleng, mme e ama tlhaloganyo.

A re fa moimana a ketekwa go nale kgonagalo ya gore ngwana yo o solofetsweng le ene a amiwe ke kgokgotsho eo mo tlhaloganyong.

Mme Mothibedi a re batho ba ba kgokgontshiwang ba lemogwa ka go nna le maikutlo a kwa tlase, go felelwa ke kgatlhego mo dilong tse ba kileng ba bo ba di rata le go batla go nna fa go senang batho teng.

O supile gore kgokgontsho e ka felela e senyetsa motswasetlhabelo tiro ka jaana a ka tshaba go ya go bonwa ka dintho kwa tirong, le gone tota go itekodisa bahiri.

Mme Mothibedi a re kgokgontsho e babalela itsholelo ya lefatshe ka jaana motho yo o kgokgontshiwang a ka se ntshe maduo mo tirong.

Sergeant Chookula Seemule a re e ne ya mo ngwageng oo fetileng ka Moranang, sepodisi sa Botswana ba simolodisa lekalana le le itebagantseng le tshireletsego ya bana le dikgang tsa kgokgontsho (Gender and Child Protection Unit).

A re lekalana leo le tlhomilwe morago ga go lemogwa gore ditshwanelo tsa bana le bomme di a gatakwa. A re ofisi eo e thusa mongwe le mongwe ebong motswa-setlhabelo wa kgokgontsho, mokgokgontsi le ope fela yo eleng mosupi mo dikganyeng tseo.

Fa a tswa la gagwe, Prophet Norman Gabadise wa kereke ya Disciples of All Nations Gathering, o ne a kopa mapodisi, bogogi jwa sepolotiki le jwa morafe le baruti go nna sekao go ema kgatlhanong le kgokgontsho.

A re go tlhabisa ditlhong gore ka dinako dingwe batho ba ba tshwanetseng go nna sekao e bo ele bone bakgokgontshi.

Superintendent Patricia Seeiso o ne a re maikaelelo a letsatsi leo ke go tsibosa sechaba ka kgokgontsho, bogolo jang basadi le bana ka jaana ele bone ba dipalo tse dintsi tsa batswa-setlhabelo. 

A re le fa banna ba ba kgokgontshiwang ba le teng, dipalo tsa bone di kwa tlase thata.

A re maikaelelo a letsatsi leo ke go lemotsha sechaba gore se tshwanetse sa fetola mokgwa wa ka fa ba akanyang ka teng ka kgokgontsha le gone go arogana le sechaba ditsela tse ba di salang morago fa ba bega kgokgontsho.

Letsatsi leo, le le neng le tshwerwe ka setlhogo se se reng, Go sa beeng sebete kgokgontsho e e amanngwang le bong, le ne la simolola ka mogwanto mo Kasane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keamogetse Letsholo

Location : KASANE

Event : mogwanto

Date : 24 Nov 2022