Khansele potlana ya Maun e akgola Mma Botswana
24 Nov 2022
Khansele potlana ya Maun e akgotse Mme Lesego Chombo go bo a tlotlomaditse kgaolo ya Ngamiland ka go gapa korone ya Mma Botswana.
Fa a bua kwa bokopanong jo bo haphegileng jwa khansele le Mme Chombo ka Laboraro, Mokhanselara wa kgaolwana ya Moeti, Mme Botshelobokae Ramasu o boletse fa ba le motlotlo thata ka Mme Chombo.
O boletse fa Mme Chombo e le ngwana yo o botlhale, ebile seo e le sone se se dirileng gore a gape korone ya Mma Botswana.
Mme Ramasu a re kgaolo ya Ngamiland e segofaditswe ka dikgantshwane tse dintsi mo go tsa bo mmabontle le metshameko ka jalo go tshwanetse go ipela.
A re khansele e segofetse thata go bo e nnile le lesego la go etelwa ke Mma Botswana a re ga se gantsi go diragala gore baeteledipele ba etelwe ke sekgantshwane sa mmabontle.
O ne a tswelela ka go kgothatsa Mme Chombo go nna sekao ka go itshwara sentle le go tlotlomatsa leina la Botswana jaaka a tlaabo a ya go emela lefatshe kwa dikgaisanong tsa mmabontle wa mafatshefatshe.
“O Mmabatho, o mma setshaba matlho a Batswana a go lebile thata ka jalo itlhokomele o tsamaye le Modimo ka nako tsotlhe,’’ ga bua Mme Ramasu.
O ne a leboga batsadi ba ga Mme Chombo go bo ba mo godisitse go nna sekgantshwane, a re seo se itshupile ka boitshwaro jwa gagwe.
Mme Ramasu o ne a tswelela a kgothatsa Mma Botswana go sireletsa leina loo Rra Chombo ka go bo e le leina le le nang le seriti mo Ngamiland.
Fa a tswa la gagwe, Mme Chombo o ne a leboga khansele potlana ya Maun go bo ba mo lalediste go ba etela.
A re mmabontle ga se bontle fela jaaka bangwe ba akanya, a tlhalosa fa e tlaa re mo bekeng e a simolole thulaganyo ya ‘Beauty with a purpose’ kwa Shorobe kwa a tlaa bong a thusa bao ba ba dikobo dikhutshwane.
O tlhalositse fa maikaelelelo a gagwe e le go bereka ka natla go ama matshelo a batho le go tlogela motlhala jaaka e le Mma Botswana.
O boletse fa a le lesego thata go bo Modimo a mo segofaditse go nna Mma Botswana ka jalo a lebogela kemo nokeng ya botlhe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Ikgopoleng
Location : MAUN
Event : bokopanong jwa Khansele
Date : 24 Nov 2022