Breaking News

Mokhanselara o kopa khansele go thapa batlhokomedi

24 Nov 2022

 Mokhanselara wa Motshegaletau/Sehunou, are bana ba nnang mo dikolong tsa metse e kgakala le ditlamelo ga ba sa sireletsega mo dirukutlhing ka gore ga ba na ba ba batlhokomelang bosigo fa ba robetse.

Rre Gabaipone Malau o buile jalo fa a akgela mo dipuisanong tsa khansele potlana ya Serowe ka Laboraro.

Mokhanselara Malau o boletse fa bana ba sekole se se botlana sa Sehunou mo kgaolong ya Serowe borwa ba tshelela mo letshogong ka gore gangwe le gape ba tlhaselwa ke batho go tswang kwa ntle ba ba amoga ditsabone. 

Are bangwe ba bone ba a a thubediwa ka gore bosigo batlhokomedi ba bone ba bo ba chaiisitse.

A re bosheng go thubeditswe basetsana ba sekole seo ba le babedi. 

O boletse fa seemo se ngomola pelo ka gore le dikago tse ba robalang mo go tsone di sa nna sentle di le makgasa mo dirukutlhi di tsenang fela go sena tsapa le ba fisang pelo.

O boletse fa batlhokomedi ba gompieno e le ba ba tlhokomelang motshegare le maitsiboa fela. O kopile khansele go thapa batlhokomedi ba bosigo.

Mokhanselara Malau o boletse fa matlo a borutelo le a borobalo a badirela puso a tlhaela, mme gape a teng a le makgasa thata mo go dirang gore badirelapuso ba gane go berekela koo.

Mo dikgannye tse dingwe, mokhanselara o boletse fa bana ba ba phakang dijo tsa Tsabana kwa kgaolong ya Serowe Borwa, ba na le dikgwedi tse thataro ba sa phake.

Mokhanselara Malau o ne a galaletsa thata babega dikgang ba pampiri ya Dailynews, go bo ba bega dikgang tsa kgaolo ka botswapelo. 

A bolela fa dilo tsotlhe tse ba di buang ka mathata a kgaolo ba di bega ka manontlhotlho.

O boletse fa pampiri eo, e ntsha dikgang tsa bone sentle nako tsotlhe, a ba akgolela go dira ka thata le mororo ditsompelo tsa bone jaaka dikoloi di tlhaela.

Mokhanselara wa Kgosing mo Serowe, Rre Kebakgale Kutuso o buile ka tlhaelo ya melemo mo dikokelwang bogolo jang dipilisi tsa madi a matona le sukiri.

O boletse fa dingaka le tsone di tlhaela, bogolo jang tsa matlho le meno. 

O kopile puso go tsibogela letlhoko la melemo ka gore botsogo jwa Batswana ga bo a babalesega.

Fa a akgela ka baithaupi ba ba tlhokomelang balwetse mo malwapeng, Mokhanselara Kutuso o boletse fa ba beilwe ka fa mosing ka gore ba ne ba solofeditswe dikatso mme jaanong di tla morago ga lobaka.

A re gape baithaupi bao, ba tlhaelelwa ke diaparo tsa itshireletso mo go ba bayang mo diphatseng tsa go tsenwa ke malwetse.

O boletse gape fa ditsela mo Serowe di sa dirwa sentle ka gore fa pula e na metsi a tsena mo malwapeng, a bolela fa metshelakgabo le yone e ese mo seemo se se siameng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Dipuisanong tsa khansele

Date : 24 Nov 2022