Temo ya ditlhare e mosola
23 Nov 2022
Temo le thekiso ya ditlhare ke motlhale mongwe wa itshetso o Batswana ba ka ikaegang ka one.
Mme Virginia Emang wa kgotla ya Mokwena mo Serowe ke mongwe wa ba ba ikaegileng ka temo le thekiso ya ditlhare go oba letsogo.
Mme Emang wa dingwaga tse masome a marataro le boraro, o boletse mo potsolotsong bosheng fa a simolotse go nna le kgatlhego ya go itshetsa ka ditlhare ngwaga tse di fetang lesome tse di fetileng.
O kaile fa a simolotse ka go reka ditlhare tse di farologaneng ka madi a gagwe a dikamogelo ka nako ya a nna kwa Mahalapye kwa a diretseng tseng go tloga ka 1989 go fitlha ka 1999.
Fa a bua ka loeto la gagwe la temo le thekiso ya ditlhare, o supile fa temo ya ditlhare e batla lorato le bopelotelele, a tlatsa ka go supa fa ditlhare di tlhoka tlhokomelo e e faphegileng ka di tlhoka go tshwarwa ka tsela tse di farologanyeng.
A re jaaka ditlhare di farologana, le selekanyo sa metsi a go di nosetsa se a farologana ka go na le ditlhare tse di tlhokang metsi a mantsi fa tse dingwe di nosediwa ka metsi a selekanyo se se kwa tlase.
O ne a tswelela a kaya gore ditlhare tse dingwe di tlhoka marang a letsatsi fa tse dingwe di tlhoka moriti.
Mme Emang a re o lemile ditlhare gore a rekise gape a di adimise ka madi, mme mo godimo ga moo a supa fa a le mo thulaganyong ya gore a lope batho lemmenyana go itseela dinepe kwa lapeng la gagwe ka meletlo e tshwana le manyalo ga mmogo le ipelelo matsalo.
O supile fa ditlhwatlhwa tsa thekiso ya ditlhare tsa gagwe di simolola ka P25 go ya kwa godimo, mme seo se laolwa ke gore setlhare ke sa boleng bofe ebile se le bogolo bo kae.
A re le fa a sa tlhole a adimisa ditlhare ka batho ba ne ba sa di tshware sentle, o mo thulaganyong ya go simolola kadimiso gape, mme a bolela fa a ikaelela go tlhopha palo e e riling ya ditlhare tse e tlaa nnang tsone fela tse di tlaa adimisiwang.
A re le ntswa a sa tsenelela dithuto dipe ka temo le tlhokomelo ya ditlhare, Mme Emang a re o bala thata dibuka tse di rutang ka ditlhare, ebile le setshwantso sa motshikinyego o leba tsa mananeo a temo le tlhokomelo ya ditlhare.
A re se se mo thusa go anya botsipa mabapi le ditlhare mme a kgone go fa ditlhare tsa gagwe tlhokomelo ya maemo a ntlha e le tsone di e itumelelang.
Mme Emang a re o nona pelo ka gore bana ba gagwe ba nale kgatlhego mo temong ya gagwe ya ditlhare.
“Le fa ba berekela kgakala, fa ba tsile gae ba nthusa ka go nosetsa le ditiro tse dingwe tsa go tlhokomela ditlhare,” Mme Emang a tlhalosa.
A re ba mo thusa go bapatsa ditlhare tsa gagwe, ba dirisa mafaratlhatlha a maranyane, a a boletseng fa a le bofefo go anamisa ipapatso ya thekiso ya ditlhare mo Batswaneng lefatshe ka bophara.
Mme Emang a re Batswana ba tshwanetse ba lemoga fa temo ya ditlhare e berekisa mme ka jalo e tlhoka go tshwarwa ka natla.
A re ditlhare fela jaaka lesea, di tlhoka matsetseleko le go lekolwa kgapetsakgapetsa, selo se a reng se ka thusa molemi wa tsone go lemoga nako e sale teng fa di ka amiwa ke malwetse kana diji.
O supile fa ditlhare di itumela thata ka paka ya selemo bogolo jang ka nako ya dipula.
Maikaelelo a ga Mme Emang a re ke go godisa kgwebo ya gagwe ya temo ya ditlhare gore a dire letseno le le nonofileng, ka jalo o batla go dira ditlhabololo mo lefelong le a lemileng ditlhare mo go lone.
Mo godimo ga go tshwenngwa ke diji le go tlhaela ga dikotla mo mmung wa kgaolwana e a agileng mo go yone, a re kgwetlho e nngwe ke go sokola go ka isa ditlhare kwa bareking ka a sena koloi.
Mme Emang a re o ikgolagantse le bomme bangwe ba ba mo kgaolong ya gagwe ba ba nang le kgatlhego e ntsi mo temong ya ditlhare gore ba bule semmuso mokgatlho wa kgwebo ya ditlhare.
A re go tsena mo kgwebong e ba ipopagantse ba le mokawana go ka ba tiisa mooko ga ba ga ba thusa go emelana le dikgwetlho botoka.
Mme Emang yo o tlogetseng tiro ka bogodi kwa sepateleng sa Sekgoma kwa Serowe kwa 2019 a re o nale tsholofelo e ntsi ya gore temo le thekiso ya ditlhare di tlaa tswelela di mo tlodisa melatswana. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bampoloki Kabasia
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 23 Nov 2022