Breaking News

Ba batla Kgatleng a kgaoganngwa gararo

23 Nov 2022

Banni ba Mochudi ba kopile gore kgaolo ya Kgatleng e kgaoganngwe ka dikgaolo tsa botlhophi di le tharo ka banni ba feta seelo se se beilweng sa kgaolo ya botlhophi.

Ba re palo batho ya bosheng e supile fa banni ba kgaolo ya Kgatleng ba ntsifetse, mme ba bolela fa mapalamente a le mabedi ba fekeediwa ke tiro, ka jalo kgaolo ya boraro e ka ba fokoletsa morwalo. 

Ntswa dipalo tsa palo-batho tsa bosheng di supa fa kgaolo e agiwa ka batho ba le 38 862, kgaolo ya Kgatleng e na le banni ba feta 121 000. 

Banni ba buile se fa ba isa megopolo ya bone kwa lekokong le le tlhomilweng go seka seka melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi kwa kgotleng ya Mochudi ka Labobedi.

Ba re ntswa metse ya kgaolo e, e sa katologana thata, banni bangwe ba tlhaelelwa ke ditlamelo ka jaana di sokamela kwa metseng e megolwane.

Ba kopile gape gore kgaolo e seka ya bidiwa ka leina Mochudi ka jaana e kare metse e mengwe e a kgethololwa. 

Ba re dikgaolo di bitswe ka leina la morafe  eleng Katleng Bophirima, legare kgotsa botlhaba, ka jaana leina Mochudi le supa nyenyafatso ya metse e mengwe e e mo kgaolong, gape le sa bopaganye banni.

Ba ba neng ba emetse ditlhopha tse di ipopileng go isa megopolo ba ne ba isa dikopo tsa bone.

Moemela diphathi tsa kganetso, Rre Isaac Mabiletsa o kopile gore fa kgaolo e kgaoganngwa ka dikgaolo tsa botlhophi di le tharo, motse wa Mochudi o ikemele ka nosi.

A re mabaka ke gore le ntswa dipalo tsa Mochudi di le dintsi, banni ga ba sokole ka jaana ditlamelo di mo motseng o le mongwe fela.

O ne a kopa gore dikgaolo dingwe tsa Kgatleng Bophirima le botlhaba di agiwe ka metse e e dikaganyeditseng Mochudi.

Moemedi wa komiti ya diphathi tsotlhe (part liaison committee) o dumalane le dibui tse dingwe gore kgaolo ya Kgatleng e tshwanelwa ke dikgaolo tsa botlhophi di le tharo.

Le fa gontse jalo, o kopile gore motse wa Bokaa o o ntseng o wela kwa Kgatleng Botlhaba o akarediwe kwa Kgatleng Bophirima ka jaana o ntse learogi, fa go lebilwe ka fa motse wa teng o atamelaneng le metse e e kwa Kgatleng Bophirima.

Moemedi wa Botswana Democratic Party, Rre Shimane Senwelo le ene o dumalane le mogopolo wa ba bangwe gore dikgaolo di nne tharo. 

Le ene jaaka ba bangwe o akgetse gore motse wa Bokaa o akaretswe kwa Kgatleng Bophirima ka jaana o le kgakala le metse ya Kgatleng Botlhaba.

Rre Thabo Komane o kopile gore Kgatleng a bewe kwa pele fa go akanngwa koketso ya dikgaolo tsa botlhophi a re go tsweng kgakala, fa melolwane e ntse e fetolwa, Kgatleng o ntse a sa sekasekelwe go fetolwa.

Ka jalo a re Bakgatla le bone ba tshwanelwa ke gore kgaolo e nngwe mo go tse di akanngwang, e bo e tswa mo Kgatleng, a tlatsa ka gore go ya ka mabaka otlhe a a beilweng ke komiti ya kgaoganyo melelwane ya dikgaolo tsa botlhophi, kgaolo ya bone e a kgotsofatsa.

E ne e rile go le pele leloko la komiti, Rre Jost Sivula Isaac a bolela fa komiti e romilwe go tla go tsaya megopolo le go e isa e ntse jaaka fa banni ba e buile.

A re mo tshekatshekong kgaoganyo melelwane, ga go a tshwanela gore ba akanye gore ba tlolele kwa dikgaolong tse e seng tsa bone go tlatsa dipalo.

O boletse gore fa kgaoganyo e dirwa, go lebelelwa palo ya batho, katologano ya metse le ditlamelo, sebopego sa kgaolo le gore merafe e e tshelang mmogo e se kgaoganngwe.

Tse dingwe tse di sekasekwang ke ditlamelo di tshwana le ditlhaeletsanyo, ngwao ya morafe oo, ditsela le tse dingwe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Delimitation consultation

Date : 23 Nov 2022