Nnang sekao mo diphuthegong - Bishop Beleme
22 Nov 2022
Baruti ba kgothaditswe go nna sekao mo diphuthegong tsa bone ka go nna le boitshwaro le botho jo bo eletsegang.
Mafoko a a builwe ke moeteledipele wa kereke ya St John Angelican Church mo Botswana, Bishop Metlhayotlhe Beleme ka Sontaga jaaka a ne a tlhoma semmuso Moruti Lucky Lorekang go nna mothusa moruti wa kereke eo kwa Tsabong.
Bishop Beleme o ne a rotloetsa Moruti Lorekang go tsaya tiro ya gagwe ka tlhwaafalo ebile a e dira ka monontlhotlho, a e rata ka pelo ya gagwe yotlhe ka e le pitso le thomo ee tswang kwa modimong.
O gakolotse Moruti Lorekang go tila go nna boikgogomoso le go timetsa letsomane la modimo ka e le ene modisa wa lone.
A re o tshwanentse go bolelela phuthego boammaruri jwa mafoko aa molemo a baebele ka e le yone e ba gogang le go ba kaela ka nako tsotlhe mo tirong ya bone.
Bishop Beleme o ne a gakolola moruti go ikgapha mo dikgannyeng tsa magae le tsa sepolotiki mme a tshwaraganye phuthego ya gagwe a itsetsepetse ka lefoko la modimo.
Are jaaka a neelwa maemo a boruti, ga a tshwanelwa go leba fela mo kerekeng eo mme o tshwanelwa ke go ema diphuthego tse dingwe nokeng mo ditirong tse di farologanyeng ka e le morongwa wa modimo.
Fa a amogela thomo, Moruti Lorekang o boletse fa morago ga go tlhokafala ga ga Moruti Pego Toto go ne ga sala go sena yo o thibang phatlha mme a ineela go rongwa ke modimo go e thiba.
O boletse fa tiro ya boruti e se motlhofo mme a tla eteletsa pele modimo ka metlha yotlhe mo tirong ya gagwe.
Fa ntsha mafoko a Tebogo, Moruti Peter Moshaga yo o eteletseng pele Kgaolo ya Kgalagadi Borwa o ne a supa fa e le ditso tsa kereke eo ka e le la ntlha go diragala gore moruti a tlhomamisiwe fa a tla a bong a direla teng selo se a supileng fa e le kgatelo pele.
Moruti Moshaga o ne a lebogela phuthego go bo e ne ya tshwaragana le boeteledipele gore tiro e diragale.
One gape a lebogela kemo nokeng ya dikereke tse dingwe tse di neng di tsile go nna basupi. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : TSABONG
Event : tlhomo semmuso Moruti
Date : 22 Nov 2022