Breaking News

Ba akgoletswe tirisano mmogo mo phepafatshong ya motse

22 Nov 2022

Maphata a puso, sechaba le dikompone tse di ikemetseng ba akgoletswe tirisano mmogo, mo go phepafatseng motse wa Serowe.

Modulasetilo wa kgaolo potlana ya Serowe, Rre Lesedi Phuthego o ntshitse malebo ao mo phuthegong ya khansele ka Mosupologo.

Rre Phuthego o ba akgoletse seabe sa bone mo go phepafatseng motse wa bone, beke ee fetileng, mo tirong e neng e tshwerwe ka setlhogo se sereng: Phatsimisa Serowe.

A re ere ntswa dikgotla tsotlhe di ne di ne tsa phepafadiwa mo go kgotsofatsang, sebe sa phiri ke gore khansele e tlhaelelwa ke didirisiwa, ka jalo matlakala ga a a isiwa kwa go tshwanetseng.

Rre Phuthego gape o rotloeditse balemi go nna malala a laotswe, go baakanya didirisiwa tsa temo le masimo gore ba tle ba leme ba ntshe dijo tse di lekaneng.

O ba tsibositse gore ba ikeletlhoko ka pula ena le tse di monate le tse maswe.

Modulasetilo o kopile ba komoti ya dibetso tsa tlholego ya kgaolo go nna podi matseba, gore fa go ka nna le mathata, ba kgone go thusa ba ba amegileng.

Mo go tse dingwe, o boletse fa khansele ipaakanyetsa dikgaisanyo tsa bo mmabontle le rabontle kgwedi ya Sedimonthole e fera bongwe, go rotloetsa botsogo jo bo siameng.

O ne a kopa makhanselara go tsaya karolo mo dikgaisanong tseo, a re go dira jalo go ka thusa go tsosolosa dikomiti tsa botsogo mo Serowe.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : SEROWE

Event : phuthego ya khansele

Date : 22 Nov 2022