Kudume ke kgosi ya Kokotsha
22 Nov 2022
Kgosi Lefoko Kudume wa Kokotsha o gakolotswe go dira ka natla, lorato, bopelotelele, boineelo,go tshegetsa le go tsholeletsa kwa godimo seriti sa bogosi.
Kgakololo eo e ntshitswe ke moeteledipele wa kgotla ya boikuelo ya ditsheko tsa makgotla a Setswana Kgosi Mothibe Linchwe jaaka Kgosi Kudume a ne a tlhomiwa semmuso go etelela pele morafe kwa Kokotsha bosheng
O mo kgothaditse go tshwaragana le go bopaganya morafe go nna seopo sengwe ebile a ba tsaya ka tekatekanyo.
Kgosi Kudume o tlhomilwe morago ga gore Rraagwe Kgosi Samson Kudume a tlogele tiro ka bogodi.
Dibui ka go farologana di ne tsa kgothatsa Kgosi Kudume go direla morafe le go o tshwaraganya.
Kgosi Linchwe o ne a kgothatsa Kgosi Kudume go nna sekao mo morafeng wa gagwe ka go nna le boitshwaro jo bo eletsegang mme a tshwaragane le baeteledipele ka seo se ka thusa mo ditlhabolong tsa motse go tsweledisa fa Kgosi ya pele a tlogetseng teng.
O ne a mo gwetlha go ikgapha dikgangnyeng tsa sepolotiki ka di ka kgaoganya morafe mme a tshwaragane le puso go fitlhelela maitlamo a puso a tebelopele ya setshaba ya 2036 le gone go rotloetsa morafe go inaakanaya le mananeo a puso a ka tlhabololang matshelo a bone.
Are jaaka e le moeteledipele o tshwanelwa ke go itlotla le go tlotla mongwe le mongwe a sa ba tlhaole ope ka letso ka jaana morafe wa motse oo o akaretsa Basarwa, Bakgalagadi, Baherero le Makhalate.
O mo kgothaditse gape go dira mmogo le Borra lekgotla, dikomiti tse di farologanyeng mo motseng jaaka ya batsadi le barutabana go leka go betlela bana bokamoso ka go ba rotloetsa ka botlhokwa jwa thuto le go ba aga.
O mo gakolotse go sa tsaya lotlhakore mo dikganyeng tsa ditsheko le gone gore a ithute mo dikgosing tse dingwe le boeteledipel jo bo maleba, a tlatsa ka go mo rotloetsa go gorosa mohumagadi ka le ene a ka nna mogakolodi mogolo wa gagwe le go mo ema nokong ka nako tsotlhe.
Fa a tswa la gagwe Rre Moengele Kudume one a mo gakolola go reetsa dilelo le matshwenyego a batho botlhe ka tekatekanyo le gone go tswa ka ditharabololo ka “Kgosi Thotobolo e olela matlhakala”
Rre Kudume yo e leng Rrangwanagwe o ne a mo kgothatsa go sala motlhala wa ga Rraagwe morago ka go nna le maitseo, botho jo bo eletsegang mo setshabeng mme a dise le go etelela pele morafe ka fa go tshwanetseng ka teng.
O ne a abela kgosi setilo, thobane le hutshe.
Fa a amogela setilo sa bogosi Kgosi Kudume yo o fentseng ditlhopho tsa bogosi ngwaga ono o ne a lebogela dikgakololo le dikgothatso mme a supa fa a tla eteletsa modimo pele le go ikaega ka lefoko la gagwe go mo fa thata, nonofo le botlhale go etelela setshaba sa gagwe pele ka fa go tshwanetseng ka teng mme a solofetsa batsena moletlo go dira ka lorato le kagiso ka nako tsotlhe.
Fa a leboga modulasetilo wa Khansele ya Kgalagadi Rre Hendricks Jacobs o ne a leboga puso ka go thiba diphatlha tsa dikgosi mo Kgaolong eo .
Rre Hendricks o ne a tlatsa ka go popotha legetla botlhe ba nnileng le seabe mo go tlhomamiseng gore Kgosi Kudume o bewa semmuso go nna Kgosi ya motse wa Kokotsha oo tsweletseng ka go golela pele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Kokotsha
Event : Tlhomo semmuso
Date : 22 Nov 2022