Breaking News

Ba Block 8 ba tlhoma barotloetsi

21 Nov 2022

Banni ba kgaolo ya Block 8 mo Gaborone ba tlhomile Rre Taolo Moshaga le Dr Sunil Kadiyala go nna barotloetsi ba ba tla ba thusang ka dikakanyo le maele a go tlhabolola matshelo a bone.

Fa a rola baemanokeng bao ka Matlhatso, mothusa modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa kgaolo, Rre Keitirang Johannes o ne a tlhalosa fa ba tlhomile Rre Moshaga le Dr Kadiyala ba lebeletse seabe se bobedi joo mo lefatsheng leno.

Rre Johannes o boletse fa ba na le maikaelelo a go dira lefelo la itloso bodutu la bagolo mo nakong e ba e filweng, go dira pharologano ebile e le go supa tswelelopele go ya ka maikaelelo a ga Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi.

A re maikaelelo ke go kopanya lefelo leo le la bananyana gore bana ba thusiwe go godisiwa ke bagolo ba ba tlaa ba thusang ka ngwao, boitshwaro le dingwe fela tse di tlaa ba thusang gore e nne batho ba ba nang le boikarabelo mo setshabeng.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi mogolo mo lephateng la botsogo, Mme Grace Muzila o ne a lebogela ba Block 8 Gaborone mowa wa go ipelega.

Mme Muzila a re Batswana ba tswa kgakala e le go itirela le go tlhabolola matshelo a bone, mme le mo nakong ya gompieno ba santse ba ka itlhabolola go ya pele.

A re batho ke bone fela ba ba ka dirang diphetogo mo matshelong a bone, go simolola fela mo lwapeng, go ya kwa kgotleng, morafeng, le mo setshabeng ka kakaretso.

Mme Muzila a re mongwe le mongwe o tshwanetse a dirise se a se abetsweng go tlhabolola matshelo a bone le ba bangwe.

Le fa go ntse jalo, o ne a kgothatsa Batswana gore ba tlhokomele botsogo jwa bone ka go ja dijo tse di siameng di lekanetse letswai, di sena mafura a mantsi le sukiri le gone go itshidila mmele.

O ne a re kopa batho go nna le nako ya go sekaseka maikutlo a bone, nako ya go ikhutsa gore mebele ya bone e lapologe.

Mo go la gagwe, Rre Moshaga o ne a kopa banni ba Block 8 go iphapha mo dikolotong le gone go nna le tebelopele le maiteko a go tokafatsa matshelo a bone ka jaana botlhe ba na le nonofo le bokgoni.

Fa a tswa la gagwe, Dr Kadiyala o solofeditse fa a tlaa dira gotlhe mo a go kgonang go thusa banni ba Block 8 go fitlhelela maikaelelo a bone.

Mopalamente wa kgaolo, Rre Mpho Balopi le ene o ne a iteela banni legofi go nna pharologanyo.

Rre Balopi o ne a ba solofetsa fa a tlaa ba thusa ka moalo wa go aga lefelo le ba le batlang. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : GABORONE

Event : bokopano jwa komiti

Date : 21 Nov 2022