Breaking News

Kgokgontsho e teng mo dikerekeng

21 Nov 2022

Mookamedi wa Methodist Church mo Mahalapye, Reverend Kabelo Gaolatlhe a re dikereke di bipa dilo tse di bosula tse di diragalang mo go tsone lebaka e le go babalela leina le seriti sa tsone.

Erile a bua kwa thuto-dipuisanyong e e neng e rulagantswe ke mokgatlho wa bomme ba tlhapelo ka setlhogo se se reng Go Thuba Tidimalo ka Kgokgontsho mo Kerekeng, kwa Mahalapye ka Labotlhano, Rev. Gaolatlhe a re ke nako ya gore go buiwe ka dikgang tsa kgokgontsho mo kerekeng.

A re bana ba le bantsi ga ba batle go amanngwa le kereke ntateng ya tse di ba diragaletseng teng.

O supile fa dilo tse di bosula di diragalela bana kwa malapeng mme go sa tsewe kgato tse di maleba, ka jalo se se senye matshelo a bone.

“A re phuthologeng re bueng dilo tse, re lese gore re babalela maina le diriti tsa dikereke le malwapa,” Rev. Gaolatlhe a tlhalosa jalo. Are bakereki ba fitlhile mekgwa ya bone ya nnete ka seaparo sa kereke.

O ne a rotloetsa gore motho a nne a ela tlhoko gore o kopa thuso mo go mang ka gore dikgakololo tse dingwe ga di a siama.

Moanamisa mafoko wa mokgatlho wa Men Sector mo Mahalapye, Rre Gaborone Mothudi o ne a gatalela gore e seka ya re go buiwa ka kgokgontsho dikereke tsa kgaphelwa kwantle ka gore e a bonala le teng.

A re moya o o bosula o kgona go ikaga fa gare ga badumedi.

A re batho bangwe ba ya kerekeng ba tshaba melelo kwa ntle mme fa ba fitlhela go tshwana fela ba latlhegelwa ke tshepo.

Fa a ntsha la gagwe, Sergeant Gaosego Ditsele wa sepodisi sa Mahalapye Central a tlhalositse fa ba itemogela botlhoka-tsebe jwa banana ba ba ko tlase ka dingwaga.

A re ba dirisa ditagi botlhaswa mme morago go nne le borukutlhi jo bontsi jaaka dikgang tsa dipetelelo, bogodu le dikiteo.

O supile fa dipetelelo di diragala thata kwa dinong magareng ga batho ba ba itsaneng.

O tlhalositse fa batsadi ba itlhokomolosa maikarabelo a bone mo baneng mme se se gakatsa borukutlhi ja bana. O rotloeditse batsadi go ema ka dinao go kgalema mme fa ba palelwang teng ba kope thuso kwa go maleba.

A re ba itemogetse le kgokgontsho e bana ba kgokgontshang batsadi ba bone mo malapeng go fitlhela batsadi ba tsaya tshwetso ya go ba koba ka maiteko a go ipatlela kagiso.

Sgnt Ditsebe a re go seke go bega kgang epe ya kgokgontsho ke molato, a rotloetsa gore dikgang tse di tsewe ka tlhwaafalo ebile di seka tsa tshololwa gore di kgone go fela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : MAHALAPYE

Event : Thuto-puisanyo

Date : 21 Nov 2022