Breaking News

Ba sesole ba rotloetsa boitekanelo

21 Nov 2022

Mogolwane wa masole kwa kampeng ya Sir Seretse Khama, Brigadier Oreeditse Tsaamase, a re go botlhokwa gore ditiro tse di rotloetsang boitekanelo di tsewe ka tlhwaafalo ka di ka dira pharologanyo e e kgatlhisang mo botsogong le mo matshelong a batho.

Brigadier Tsaamase o buile jalo ka mafelo a beke kwa moletlong wa go ipelela letsatsi la boitekanelo o o neng le rulagantswe ke ba sesole  gone kwa SSKB.

A  re boitekanelo ga se jwa go tsoga sentle  ga mmele fela, mme botsogo jwa tlhaloganyo le jone bo tshwanetse go tsewa ka tlwaafalo, a tlatsa ka gore go itshidila mmele, go itekodisa gangwe le gape, thuto-se-ka dipuisano, go sidila maikutlo, go ja sentle ke dingwe tse di rotloetsang boitekanelo le botsogo jo bo eletsegang.

Brigadier Tsaamase a re boitekanelo bo rotloetsa go ntsha  maduo a a itumedisang mo ditirong, le yone kagiso kwa malapeng, ka jaana batho ba ka nna le maitemogelo a go rarabolola dikgwetlho tse di ka tlhagogang mo ditrong le kwa malapeng.

Go sale foo o supile fa boitekanelo gape bo ka rotloetsa thibelo ya tlhagogo ya malwetsi a a sa tshelanweng a akaretsa jwa madi a matona, sukiri le a mangwe ka go farologana.

Letsatsi leo le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng Botsogo jo bo Siameng Morago ga COVID-19, se ele go leka go thusa batho go inoga mo manokonokong a  COVID-19.

Brigadier Tsaamase o bile a gakolola botlhokwa jwa go ikgapha mo tirisong ya dinotagi,  go goga metsoko  e e bokete e bile e se ka fa moalong, a supa fa le tsone di na le seabe go rotloetsa boitsholong jo bo sa amogeleseng le mangwe makoa mo mmele ka go farologana.

Fa a tswa la gagwe, mogolwane yo mongwe wa masole gone kwa SSKB, Colonel Slyvester Jansen a re maikaelolo a letsatsi leo ene ele go rotloetsa batho go tsaya boikarabelo ka botsogo jwa bone, le gone go  tsaya dikgakololo tsa botsogo le go abelana maele a botshelo.

Dingwe tsa ditiro tsa letsatsi, ene ele go itlhalthobela malwetsi ka go farologana, thuto seka dipuisano, tshidilo maikutlo le tse dingwe ka go farologana tse di rotloetsang botsogo le boitekanelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Chendzimu Manyepedza

Location : GABORONE

Event : ipelelo letsatsi la boitekanelo

Date : 21 Nov 2022