Supang lorato eseng kgokgontsho - Morwaeng
21 Nov 2022
Borre ba gakolotswe go supa lerato mo basading le bana ba bone gona le go ba kgokgontsha.
Se se builwe ke Mopalamente wa Molepolole Borwa, Rre Kabo Morwaeng fa a ne a phuthile borre go ipelela letsatsi la bone la mafatshefatshe ka Matlhatso.
Rre Morwaeng are borre ba tshwanetse ya nna sekao mo baneng ba bone, a re monna tia ga go tewe yo o tiileng mo mmeleng, mme go tewa yo lelwapa la gagwe le tiileng.
Mopalamente o boletse fa a tshwentswe ke dikgang tsa gore banna ba bolaya bomme, le go ba kgokgontsha, mme a supa fa seo se sa supe lerato.
O ne a supa fa letsatsi la borre le diretswe gore ba kopane, ba ithere, ba neelane maele a botshelo.
O kopile borre go tlhokomela malwapa a bone ka go ba fa lerato le go ba fa tsotlhe tse ba di tlhokang.
A re monna ga a tshwanela go dirisa bokete jwa gagwe jwa mmele go kgokgontsha ba lelwapa la gagwe mme o tshwanetse go ba sireletsa.
Mopalamente Morwaeng, yo gape e leng tona mo ofising ya ga Tautona, o boletse fa rre wa nnete e le yo o batlang go bona mosadi wa gagwe a itumetse ka nako tsotlhe.
A re monna yo o tsenyang mosadi lebogo, a dirisa bana botlhaswa, ga se monna.
O tsweletse a bua fa mo nakong eno, batho ba sa tlhole ba tshaba diphologolo mme ba boifa batho, segolobogolo borre ka ke bone ba dirang ditiro tse di sokameng.
A re mosadi wa tlakisiwa, mme borre ga ba a tshwanela go nna le kakanyo ya gore ba jelwe ka ba a bo ba aba ka lerato.
O tlhalositse gape gore mosadi o tshwanetse go ikutlwa a babalesegile ka dinako tsotlhe.
“Ga o na tshwanelo ya go tsaya botshelo jwa ga ope. Se itireng ditau, bana jaanong ba tlaa siela kae?”
Monana yo a neng a tseneletse mokete, Rre Edward Masukuru o ne a kopa borara gore e re ba bua, ba itse gore borre ke bone ba eteletseng dikgang tsa kgokgontsho ko pele.Se se tla morago wa gore mongwe wa mabutswapele a supe bo mme ka monwana a re dikgolegelo di tletse borre ka lebaka la maaka a bone.
Rre Masukuru o buile fa borre ba itlhokomolosa go tsaya boikarabelo jwa bone, mme se se ba beye ka fa mosing.O ne a fa sekai ka borre ba ba sa tlhokomeleng bana ba bone mme molao o felele o ba tseela dikgato, a re seo se supa go tlhoka boikarabelo, ka jalo bo mme ga ba a tshwanela go supiwa ka menwana.
Moletlo o one o na le dibui ka go farologana gareng ga bone e le Moruti Mpho Moruakgomo le modiragatsi Thato Matlhabaphiri yo o itsegeng ka leina la Scar. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tebagano Ntshole
Location : MOLEPOLOLE
Event : ipelelo letsatsi la borre la mafatshefatshe
Date : 21 Nov 2022