Breaking News

Dituelo tsa Ipelegeng di laolwa ke mabaka

20 Nov 2022

Mothusa tona wa Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talitha Monnakgotla o tlhalositse fa tshwetso ya go oketsa dikatso tsa Ipelegeng e sa laolwe fela ke seemo sa itsholelo.

Fa a araba potso kwa Palamenteng, mothusa tona Mme Monnakgotla o tlhalositse fa koketso dituelo tsa Ipelegeng e laolwa ke mabaka a le mmalwa.

A re dikatso tseo di okeditswe la bofelo ka 2017, a supa fa mabaka a itsholelo e e neng ya angwa ke segajaja sa COVID-19 a sa letla gore dikoketso di ka dirwa.

Mme Monnakgotla o tlhalositse gore ntswa madi a ne a okediwa mo nakong e e fetileng, dinako tsa go bereka tsa Ipelegeng di ne tsa fokodiwa go tswa kwa dioureng di le thataro go ya kwa go tse nne ka 2020.

A re madi a ne a seka a fokodiwa gore badiri ba kgone go ka dira ditiro tse dingwe tse ba ka itshetsang ka tsone mo godimo ga Ipelegeng.

O supile fa puso e tsweletse ka go tlhabolola Ipelegeng ka lenaneo le lesha le le bidiwang Ipelegeng Skills Development Component, e le maikaelelo a go leka go neela bangwe dikitso tse ba ka itshetsang ka tsone fa ba tswa mo Ipelegeng.

Mothusa tona Mme Monnakgotla o ne a araba potso e e neng e bodiwa ke mopalamente wa Bobonong Rre Taolo Lucas yo o neng a batla go itse mabaka a a dirang gore dikatso tsa Ipelegeg di seka tsa okediwa ntswa seemo sa itsholelo le ditlhwatlhwa tsa dijo di ile kwa godimo.

Rre Lucas o ne gape a batla go itse fa go na le maikaelelo a go oketsa dikatso tseo go itepatepanya le seemo sa itsholelo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : GABORONE

Event : Palamente

Date : 20 Nov 2022