Breaking News

UCCSA e kokoanya madi

20 Nov 2022

Kereke ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) ya Shoshong e rotloeditswe go dira ka natla mo maitekong a yone a go aga ntlo ya kobamelo.

Mogokgo wa Botswana International University of Science and Technology (BIUST), Professor Otlogetswe Totolo o rotse kgothatso e ka Matlhatso kwa bokhutlong jwa mogwanto o o duelelwang wa dikhilomithara di le lesome o kereke eo e neng e o tshwere kwa Shoshong.

Professor Totolo o rotloeditse maloko a kereke go tlhomamisa gore mowa wa boipelego ga o nyelele mo go bone ka e le nngwe tsela e ka yone ba ka fitlhelelang ditoro le dikeletso tsa bone e le baphuthegi.

A re go bo ba kgonne go tsholetsa lebota la kago e ntsha ya kereke ba bo ba le wetsa, ke sesupo sa maikemisetso a bone a a tsepameng a go diragatsa se baphuthegi ba pele ba se simolotseng dingwaga di feta masome a mane tse di fetileng.

O ba gwetlhile go dira ka gotlhe go fitlhelela seelo se ba se ipeetseng sa gore ba bo ba weditse kago mo dingwageng tse pedi tse di tlang, a bo a supa fa BIUST e tlaa leka thata go ba ema nokeng ka fa e ka kgonang ka teng.

“Le ipeetse seelo sa go wetsa tiro mo dingwageng tse pedi tse di tlang, mme ke le rotloetsa go emela maitlamo a a lona ka dinao, go bona gore a a diragala.

Le tshwanetse la dira se le tiile mooko ka temogo ya gore Shoshong ke pelo ya tumelo ya Sekeresete,” Professor Totolo a tlhalosa.

Professor Totolo o iteetse legofi kereke ya UCCSA go bo e tshegeditse mowa wa bopelotlhomogi o e tswang bogologolong e itiretse leina ka one, a ba a rotloetsa maloko gore ba seka ba fapoga mo motlhaleng o ba-tla pele ba kereke eo ba o betlileng.

Fa a afa pego ka seemo sa kago, modulasetilo wa komiti ya tsa kago, Rre Motshwaraganyi Mhusiwa o tlhalositse fa moono wa go aga ntlo e ntsha ya kobamelo o thailwe ka 1973, mme mo dingwageng tse di masome mane le boferabongwe tse di fetileng ga bo go mekamekanwe le namane e tona ya go kokoanyetsa tiro eo madi, selo se a boletseng fa se ne sa seka sa nna bonolo.

O supile fa e ne ya re ka Moranang monongwaga, kago ya kereke ya simolola mme a bolela fa e ba lopile P250 000 go tla go ema fa e leng teng.

“Re dirisitse P250 000 go aga re bo re wetsa lebota, mme se se kgaritlhile letlole la rona le re tsereng dingwaga di le 49 re ntse re le kokotletsa.

Go re re seka ra tsaya dingwaga tse dingwe tse 49 go wetsa kago, re ne ra tsaya tshwetso ya go simolola mosepele o o mashetla wa go kokoanya madi gore re wetse tiro mo dingwageng tse pedi tse di tlang,” Rre Mhusiwa a tlhalosa.

O supile fa mogwanto e ne e le legato la ntlha la mosepele wa go kokoanya madi, mme a kaya fa ba tlaa tswelela ka go batla methale e mengwe ya go dira madi.

Badiri ba lephata la botsogo ba ba neng ba tsene tiro eo ba ne ba amogana le maloko a kereke melaetsa ya botsogo ba bo ba ba kgothatsa go tsaya seemo sa botsogo jwa bone ka tlhoafalo ka go dira diteko tsa botsogo kgapetsakgapetsa le go ikilela kgatlhanong le go ka tsenwa ke malwetse a a ka dibelwang.

Morutuntshi wa tsa botsogo wa kokelwana ya Shoshong, Rre Dennis Gaosikelwe o tlhalositse fa dipalo tsa go ima ga banana, go dirisiwa botlhaswa ga bana mo go tsa tlhakanelo dikobo ga mmogo le kgokgontsho ya bong di tsweletse ka go ya magoletsa kwa Shoshong le metse e e mo tikologong.

Rre Gaosikelwe a re kwa kgaolong-potlana ya Mahalapye, Shoshong le tikologo di goga kwa tlhogong ka dipalo tsa dikgang tse.

O ne a kopa kereke ka bophara gore e seka ya ithela moriti o tsididi, a ikuela mo go yone go tshwaragana le ba botsogo mo ntweng kgatlhanong le matshwenyego a.

“Re rapeleleng.

Mme mo godimo ga moo le tsene mo motseng le mo dikoleng le thuse go aga bana.

A kereke e seka ya ikganelela fela mo mafelong a yone a kobamelo, a e tswele kwa ntle e supe go tshwenyega ka botsogo jwa setshaba,” Rre Gaosikelwe a ikuela mo kerekeng. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : SHOSHONG

Event : Mogwanto

Date : 20 Nov 2022