Breaking News

Pelo potsane e a golegwa - Rabanyana

20 Nov 2022

Borre ba tshwanetse go lwantsha maikutlo a bone go tila dikgang tsa kgokgontsho bogolo jang ya bomme le bana.

Moeteledipele wa kokelo ya Mmadinare, Dr Nhlanhla Rabanyana a re go le gantsi borre ba iphitlhela ba kgokgontshitse bomme ka gore ditlhaloganyo tsa bone di rwele tshakgalo e ntsi.

Dr Rabanyana yo o neng a sbuisa borre le bana ba basimane kwa pitsong ya borre e e neng e tshwerwe kwa Mmadinare ka Labone, a re go botlhokwa gore borre ba dirise ditirelo tsa kokelo tsa tshidilo maikutlo gore ba kgone go emelelana le dikgwetho tsa botshelo.

O rotloeditse borre gore ba seka ba salela kwa morago mo dikgannyeng tsa botsogo le go itlhatlhobela kankere ya setlha le mogare wa HIV.

A re mo bathong ba ba setseng ba itlhatlhobetse mogare ke borre fela ba le masome mabedi le botlhano mo lekgolong baba itlhatlhobileng.

A re go le gantsi borre ba tla kokelong bolwetse bo setse bo keketse.

Fa a tswa la gagawe, moeteledipele wa lekgotla la tumelo la Botswana Faith Based Organisation Network on HIV/AIDS (BOFABONETHA), Reverend Mpho Moruakgomo a re kgokgontsho e kgotlela kagiso le ledula le lefatshe leno le itsegeng ka lone.

A re kgokgontsho e thuba malwapa, ka jalo a rotloetsa borre go emisa go rarabolola dikgang tsa bone ka tshakgalo le ka kgokgontsho.

A re fa go sa bereke fa gare ga rre le mme, bobedi joo bo tshwanetse jwa buisana mme rre a tsamae go na le go tsenya mme letsogo, a tlatsa ka go re motho wa mme o a ratwa, o a tlotlwa e bile ga a tsenngwe letsogo.

A re go a tshwenya gore dikgang tsa polao di be di ile magoletsa mme bontsi jwa tsone e le tsa borre ba bolaile bakapelo.

Reverend Moruakgomo a re nako e tsile ya gore borre ba nne fa fatshe ba itshekatsheke gore go senyegile fa kae e bile go ka dirwa eng go rarabolola seemo se.

Mo go tse dingwe a re borre ba santse ba saletse kwa morago ka dikgang tsa tlhokomelo ya bana.

A re malapa a mantsi ke a bomme ba ba tlhokomelang bana ba le nosi mme a kopa borre go ema bomme nokeng mo tlhokomelong ya bana.

Maikaelelo a pitso e, e ne e le go rotloetsa ngwana wa mosimane gore a agege a tsoge a le rre yo o nonofileng a na le boikarabelo.

Pitso e, e ne e tshwerwe go leka go thusa borre le bana ba basimane go tsholetsa maoto mo dikgannyeng tsa HIV/AIDS ga mmogo le mo dikgannyeng tsa setshaba.

Fa a tswa la gagwe, mongwe wa borre ba Mmadinare, Rre Moatlhodi Mosweu o ne a re nako e tsile ya gore borre ba tswele kwa ntle ba kope thuso kwa go maleba gore ba kgone go thusiwa go emelelana le dikgwetho le go alafa tse di ba amileng mo moweng.

A re borre ga ba a tshwanela go ikgatholosa bana mme ba tshwanetse go nna sekao mo baneng ba basimane e bile ba bue le bana ba bone bogolo jang ba basimane ka botsogo gore ba tlhaloganye botsogo jwa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kgotsofalang Botsang

Location : MMADINARE

Event : Potsolotso

Date : 20 Nov 2022