Breaking News

Ba gakololwa go ipaakanyetsa Ipelegeng e e tokafaditsweng

20 Nov 2022

Modulasetilo wa Khansele-potlana ya Okavango, Rre Lesedi Boy a re Ipelegeng e e tokafaditsweng e tlaa thusa badiri ba yone ka letseno le go nna le dikitso.

Rre Boy o buile jalo ka Labobedi kwa phuthegong ya go ipega mo banning ba Gumare morago ga go tsena mo maemong a modulasetilo wa kgansele- potlana ya Okavango ka Seetebosigo.

O tlhalositse fa Ipelegeng e e tokafaditsweng e le mo tekeletsong kwa Etsha 6 mo kgaolong ya Okavango mme a re morago e tlaa phatlaladiwa le metse.

Rre Boy a re badiri ba Ipelegeng jaanong ba tlaa nna le ditlankana tsa ditiro tsa diatla.

Fa a bua ka tse dingwe, Rre Boy o ne a re Gumare o a gola e bile o tlaa nna motse mogolo wa kgaolo ka khansele-potlana ya Okavango e godisiwa.

Ka jalo Rre Boy o ne a gwetlha banni ba Gumare gore ba nne malala-a-laotswe gore ba boelwe ke go godisiwa ga khansele.

O ne a ba gakolola gore moo go raya gore go ya go nna le madirelo a mantsi, ka jalo go nne le letlhoko la boroko mme se e le monyetla wa go re ba age matlo a phiriso.

Fa a amogela morafe, Kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare o ne a re e le banni ba Gumare ba solofetse go le gontsi ka go godisiwa ga khansele-potlana ya bone e e solofeditsweng go dirwa pele ga ngwaga o o tlang wa madi.

A re ba solofela fa seo se tlaa tokafatsa ditirelo ka ditshwetso di tlaa bo di tsewa segautshwane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : phuthego

Date : 20 Nov 2022