Tiriso ya diritibatsi e keketse mo dikoleng
17 Nov 2022
Go botlhokwa go ruta bana ka borai jwa diritibatsi ba sa le bannye, gore ba tile masula a tsone ka go supahala fa di setse di tsene ka dikgorwana tsa dikole.
Kgosi Mosinyi Mosinyi wa Shoshong o supile fa go na le bana ba ba rekisetsang ba bangwe diritibatsi mme ba di tsaya mo batsading.
O buile se ka Laboraro kwa thuto-seka-dipuisanong e e neng e rulagantswe ke ba sepodisi sa Shoshong, go tla go bua ka tiriso botlhaswa ya nno le ditagi, a re dikgang tsa mohuta o, di batla go tsibogelwa pele di senya lefatshe.
A re bana ba tshwanetse go nna teng mo dipuisanong tsa mofuta o, gore ba itseele ka tsa bone.
Officer Commanding N0.16 District, Snr Supt. Reuben Mphoeng o tlhalositse fa dikgang tsa ditagi le diritibatsi e le tsone di simololang borukutlhi.
A re bana ba setse ba itse ditagi go gaisa bagolo ka jalo, ke bo ne ba ka thusang go tsibosa balekane ba bone.
Snr Supt Mphoeng o supile fa tiriso ya diritibatsi e sa ame yo o di dirisang fela mme e ama le ba a tshelang nabo gammogo le setshaba ka kakaretso.
A re madi a a ka bong a dirisiwa go tlhabolola lefatshe, a felela a dirisiwa go tlamelang balwetsi ba diritibatsi.
O kaile fa ba lemogile gore batsadi ba ikakanyetsa ba le nosi ba sa akanyetse setshaba ka go rekisa ditagi ba lebile gore ba dire letseno.
Snr Supt Mphoeng a re Botswana o mongwe fela mme setshaba ka kakaretso, se tshwanetse se bue ka lentswe le lengwefela ka tiriso botlhaswa ya diritibatsi ka gore fa tiriso ya tsone e ka fokotsega, borukutlhi le jone bo ka fokotsega.
Moemedi go tswa kwa ofising ya ngwao, tumelo le bogakolodi kwa Gaborone, Mme Nyane Seiphetlheng o supile fa bojalwa bo tswa goo-lowe bo nowa mo lefatsheng leno, mme go supega fa baeteledipele ba ne ba lwantshana le tiriso ya bone e e sa siamang.
Mme Seiphetlheng a re ditlhotlhomiso di supa fa tiriso ya bojalwa le ditagi e le kwa godimo mo Botswana.
A re go nwa phetelela le go dirisa ditlhare-ditagi, go tsisa mathata a le mantsi mo setshabeng ka modirisi wa tsone o nna dikgoka, dikotsi tsa ditsela di a oketsega ka kelelelo e a bo e fokotsegile, go nna le mathata a mantsi a madi ebile gape di ama botsogo.
O gakolotse batsadi go ela tlhoko se bana ba bone ba se dirang, ba ba kgalemele ebile ba nne le botsalano le bone gore ba kgone go phuthologa.
Detective Sub-inspector Falcon Kalako go tswa Gaborone, a re moono wa sepodise sa Botswana wa thibelo ke o ne fela o ka berekelang lefatshe le.
A re go lemosegile fa ditagi e setse e le kgwebo e tona ebile bontsi jwa batho ba na le dikgwebo tse ditona tse ba di godisitseng ka madi a ba a dirileng ka tsela e e seng yone.
A re go bo bana ba tsamaisa ditagi thata, ke gore e le batsamaise ba melao ga ba ba belaele.
O tlhalositse fa diritibatsi e le matshosetsi a itshireletso ya lefatshe ka gore ka fa di dirisiwang ka teng, re madi a tsone a ka dirisiwa go rotloetsa ditsuulodi gape a ka reka didirisiwa tsa mmolao wa kgailo.
Detective Sub-inspector Kalako o rotloetsa setshaba go bula matlho, ba bone gore dilo tse fa di tsenelela thata di ka tsisa ditlamorago tse di sa nnang sentle.
A re badirisi ba ditagi ba a ba bona, ba a ba tshwara, mme go pala gore ba tshware ba ba di rekisang a bo a tlatsa ka gore melao e tlaa tswelela e dirwa mme se segolo e le go fetola setshaba.
Bokopano jo, bo ne bo tshwerwe ka maikaelelo a go tsibosa setshaba ka tiriso ya ditagi phetelela le ditlhare-tagi, go fokotsa tiriso ya ditlhare-tagi mo bathong le mo dikoleng ga mmogo le go tsibosa ka dikgwetlho le ditlamorago tse di tlang le tiriso e mo setshabeng. BOPA
Source : BOPA
Author : Onkarabile Moeng
Location : SHOSHONG
Event : thuto-seka-dipuisano
Date : 17 Nov 2022