Go sa tsena diphuthego go a fatlha
17 Nov 2022
Go tlhoka go tsena diphuthego tsa kgotla go ama maiteko a go amogana melaetsa e e farologanyeng ga mmogo le go bopaganya setshaba.
Kgosi Lerato Keipiditse wa kgotlana ya Sesoma kwa Serowe o supile ngongora e kwa phuthegong e e neng e e neng e tshwerwe kwa kgotleng ya gaabo ka Mosupulogo.
Fa a ama ka lefoko batsena-phuthego eo e e neng e tshwaretswe go tla go buisanya ka mogopolo wa go phepafatsa tikologo, Kgosi Keipiditse o boletse fa banana segolo bogolo ba le maoto a tshupa go tsena diphuthego tsa kgotla.
A re go botlhokwa go tsena diphuthego ka gore banni ba ka abelana megopolo ba bo ba fana dikgakololo, a boa a supa fa le kagiso le popagano di bopelwa kwa kgotleng.
A re o lemogile fa banana ba sena kgatlhego ya go tsena diphuthego tsa kgotla le ntswa gangwe le gape ba tla go batla dithuso tse di farologanyeng kwa kgotleng, selo se a supileng fa se ka bo se ba lemotsha botlhokwa jwa kgotla le ditiro tsotlhe tse di tshwarelwang mo go yone.
Kgosi Keipiditse o ne a ikuela mo batsading go ruta banana ka botlhokwa jwa go tsena diphuthego tsa kgotla, le gone go ba rotloetsa go dira seo gore le bone ba nne le seabe mo go tse di buiwang koo.
Go sale foo, Kgosi Keipiditse o ne a iteela legofi moono wa go phepafatsa tikologo, a supa fa go le go ntle go bona khansele le makalana a mangwe a puso ga mmogo le a ikemetseng ka nosi a tshwaragane le morafe go phepafatsa tikologo.
“Go phepafatsa tikologo go itsa kanamo ya megare jaaka jwa letshoroma le e mengwe e e tsamaisanang le leswe”, ga bua kgosi.
Mo ntlheng e nngwe Kgosi Keipeditse o ne a ngongoregela tiriso botlhaswa ya ditsa-tlholego, a kgala mokgwa wa banni bangwe wa go rema ditlhare tse di metsi ba bo ba di tshuba go dira dikgong.
A re se ga se tsholo e e lolameng ya ditsa-tlholego.
A re tsamaiso ke gore fa banni ba batla go rema ditlhare ka mabaka a botshelo ba tshwanetse go ipega mo lekgotleng mme lekgotla le tla ba rebolela ba lephata le le tlhokomelang tikologo.
A tsweletse a gakolola banni go ruela kgakala le motse ka jaana leruo le tshwenya mo motseng ebile le kgotlela tikologo.
O ne a tlhalosa fa batho ba ba kgotlelang tikologo ba tla tseelwa dikgato tse di maleba, ebile a rotloetsa banni gore ba bege batho ba ba dirang jalo kwa go ba ba maleba.
Mo dikgannyeng di sele, balemi ba rotloeditswe go sola molemo pula e e nametsang e e solofetsweng mo pakeng eno ya temo.
Se se builwe mo potsolotsong ke moanamisa-mafoko wa lephata la temo-thuo mo kgaolong ya legare Rre Clifas Kemiso, yo a tlhalositseng fa selekanyo sa pula monongwaga se letla go re dijalo di gole sentle mme seo se fe balemi sebaka sa go ka bona thobo e e nonneng.
Rre Kemiso a re balemi botlhe ba ba ikwadisitseng kwa balemising ba dikgaolo tsa bone ba tshwanetse ba simolola go baya tema.
O tlhalositse fa balemi ba tshwanetse go netefatsa gore masimo a bone a mo seemong se se lolameng.
O gatisitse se fa a re balemi ba tshwanetse go lemolola le go thuba makwete mo masimong a bone gore ba diterekere ba seka ba nna le kgwetlho fa ba lema le fa ba jwala. O tlhalositse gape gore makwete a matona a itsa dijalo go gola.
Rre Kemiso gape o gakolotse balemi gore ba netefatse gore ba ikgolaganya le ba selemisi go anywa dikgakololo ka mefuta ya dipeo le mefuta ya temo, gore ba leme mofuta wa dipeo mo lefatsheng la boleng jo bo lebaneng.
A re beng ba diterekere ba tshwanetse gore ba bo ba setse ba ipaakanyeditse go ka lemela batho, mme o ne a ba rotloetsa go rurifatsa gore ba ikwadisitse kwa go ba selemisi go itsa dikgoreletsego ka nako ya temo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Bampoloki Kabasia
Location : SEROWE
Event : Kgotla meeting
Date : 17 Nov 2022