Breaking News

Ba gakololwa go dirisa Ipelegeng e e tokafaditsweg

17 Nov 2022

Modulasetilo wa Khansele potlana ya Okavango, Rre Lesedi Boy a re Ipelegeng e e tokafaditsweng e tla a thusa badiri ba yone ka letseno le go nna le dikitso.

Rre Boy o buile seo ka Labobedi kwa phuthegong ya go ipega mo banning ba Gumare morago ga go nna Modulasetilo wa kgansele potlana ya Okavango ka kgwedi ya Seetebosigo.

O tlhalositse fa Ipelegeng e e tokafaditsweng e le mo tekeletsong kwa motseng wa Etsha 6 mo kgaolong ya Okavango mme a re morago e tla a phatlaladiwa le metse e mengwe. Rre Boy a re badiri ba Ipelegeng jaanong batla nna le ditlankana tsa ditiro tsa diatla.

Fa a bua ka tse dingwe, Rre Boy one a re motse wa Gumare o a gola ebile o tla nna motse mogolo wa kgaolo ka khansele potlana ya Okavango e godisiwa.

Ka jalo Rre Boy one a gwetlha banni ba Gumare gore ba nne malala-a-laotswe gore ba boelwe ke go godisiwa ga khansele ya bone.

O ne a ba gakolola gore seo se raya gore goya go nna le madirelo a mantsi ka jalo go nne le letlhoko la boroko mme se ele sebaka sa go re ba age matlo a mantsi a phiriso.

Fa a amogela morafe, Kgosi Moitshepi Molelwa wa Gumare one a re ba solofetse go le gontsi ka go godisiwa ga khansele potlana ya bone e e solofeditsweng go dirwa pele ga ngwaga o o tlang wa madi.

A re ba solofela fa seo se tla a tokafatsa ditirelo ka ditshwetso di tla a bo di tsewa segautshwane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : GUMARE

Event : Phuthego

Date : 17 Nov 2022