Go thujwa ga diphaephe go turela puso
15 Nov 2022
Ba Water Utilities Corporation (WUC) ba tlhalosa fa letlhoko la metsi kwa metseng ya Gumare le Tubu mo dibekeng tse tharo tse di fetileng le bakilwe ke go senyega ga diphaephe.
Mogolwane wa WUC mo kgaolwaneng ya Okavango, Rre David Moroka o tlhalositse fa ba belaela diphaephe tsa metsi di senngwa ke banni bangwe ba meraka e e bapileng le metse eo ka go supagetse fa ba nosa leruo la bone.
Rre Moroka o buile se mo phuthegong e e neng e rulagantswe ke motshwarelela mothusa molaodi, Mme Tumelo Chibua le baeteledipele ba metse ya Etsha 1 le Etsha 6 bosheng.
Ka jalo Rre Moroka o ne a supa fa ba tlhoka kemo nokeng ya baeteledipele go ba thusa go fedisa seemo seo.
A re khamphani ya metsi e dirisa P30 000 go baakanya diphaephe nako le nako fa di senyegile, mme seo se babalela puso ka jaana madi a ka bo a dirisiwa mo ditlhabololong tse dingwe.
Mo go la gagwe, Mme Chibua o ne a supa fa boeteledipele bo tshwenngwa ke go thubiwa ga diphaephe tsa metsi kgapetsa kgapetsa mo metseng ya Etsha 1 le Etsha 6.
A re tshenyo eo e busetsa maiteko a WUC le puso a go siela batho ba Gumare metsi kwa morago.
A re ba bonye go tshwanela go buisana le baeteledipele ba metse e mebedi eo go ka tswa ka tharabololo.
Mothusa mokwaledi yo mogolwane wa khansele ya Okavango, Rre Thatayotlhe Balapi o ne a kgala tshenyo eo a re e ama madirelo a a farologanyeng jaaka dikole, dikokelo le bagwebi bogolo jang ba ba botlana.
Rre Balapi o ne a gwetlha banni ba metse eo go loma tsebe ba sepodisi kana magosi fa ba ka bona ba ba senyang.
Mongwe wa banni, Rre Moruti Lekgoa o ne a re ba sepodisi le ba sesole ba lekole mafelo a diphaephe tseo kgapetsa kgapetsa go ka tshwara badira melato.
Mo go la gagwe, Rre Sekwenje Mate le ene o ne a kopa ba sepodisi le sesole ba go nna teng kwa mafelong ao, a tlatsa ka gore go ka dirisiwa le dikapa ditshwantsho tsa sephiri kwa mafelong ao.
Kgosi Matemma Karomo wa Etsha 1 o ne a re go botlhokwa gore go tshwarwe bokopano le banni ba metse le meraka e e amegang go kgalemiwe.
Mothusa mogolwane wa mapodisi a Gumare, Rre Jerry Sabata o boletse fa bone le ba sesole ba tlhoka kemonokeng ya setshaba go lwantsha borukhutlhi.
Le fa gontse, jalo Rre Sabata a re ba tlaa dira bojotlhe go tshwara ba ba amegang mo tshenyong ya go nna jalo. BOPA
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : ETSHA 6
Event : puisano
Date : 15 Nov 2022