Breaking News

Maje o boloka ngwao ka mokwalo

14 Nov 2022

Ngwao Boswa Pinagare, buka e e kwadilweng ke Rre Molemane Maje, mokhanselara wa Mochudi Legare, e gatelela botlhokwa jwa go ruta ka dijo tsa ngwao, kalafi ya ngwao, tshomarelo di-tsa tlholego le maele a botshelo.

Fa a bua kwa moletlong wa go simolodisa buka e kwa Mochudi bosheng, Tona wa Papadi le Madirelo, Rre Mmusi Kgafela o tlhalositse fa go somarela ngwao ka mokwalo e le phitlhelelo e kgolo e e ka kgontshang puso maikaelelo a yone a go aga tshaba e e nang le dikitso.

A re o motlotlo ka Rre Maje ka a nnile le seabe mo go ruteng setshaba ka dingwe tsa ngwao, tse di ka latlhegang fa di sa somarelwa ka mokwalo.

Tona o boletse fa Rre Maje a diragaditse lengwe la matshego a Tebelopele ya Setshaba ya 2036, e nngwe ya ditsetlana tsa yone e gatelelang gore Batswana ba ikaege ka itsholelo e e ungwileng dikitso.

“Re Maje o dirile nngwe ya maikaelelo ao ka jaana go kwala dibuka ele tiro e e batlang dikakanyo tse di tseneletseng. 

Mme morago ga moo, se e nna dithoto tse di sa kgoneng go tshwarwa ka mabogo (intangible property), mme gape e sireletsegile (intellectual property) tse motho a ka kgonang go gweba ka tsone, mme a itshetse,” Tona Kgafela a tlhalosa.

A re o dumela fa buka e, e tla a solegela Batswana mosola, bogolo jang basha le bana ba ba tlaa tsholwang mo isagong. 

Rre Kgafela yo ebileng e le mopalamente wa Mochudi Bophirima  o iteetse legofi tsotlhe tse Rre Maje a di sobokileng mo bukeng, segolo bogolo dikitso ka tshomarelo tikologo, ditsatlholego gammogo le ditlhare tse di mo tikologong, tse rraagwe ebong Kgosikgolo Lenchwe a neng a rata thata gore Bakgatla ba di somarele.

Mongwe wa ba lelwapa la ga Rre Maje, Dr Seabelo Maje o boleletse ba-tsena moletlo fa go le botlhokwa go sega tema le go diragatsa maikaelelo a se motho a batlang go se dira.

A re Rre Maje ke sekgantshwane le sekao mo go ba le bantsi ba ba sa itewang seatla ka a ise a tsene ka kgoro ya sekole se se lolameng.

A re Rre Maje o tsene sekole sa thuto ga e golelwe, mme ga supega a le botlhale ka a ile a digela lekwalo la ntlha go ya go labone ngwaga o le mongwefela.

O rotloeditse Batswana go tsaya thuto ka tlhoafalo, go sa kgathelesege gore ke thuto ga e golelwe kgotsa thuto e e lolameng.

Moemela lephata la thuto, Rre Arone Sefhako o boletse fa buka ya ga Rre Maje e tlaa nna le seabe mo thutong ya Setswana.

A re Setswana ke nngwe ya dithuto tse puso e di  tseetseng kwa godimo mme buka ya Ngwao-Boswa Pinagare e tlaa ruta bana mokwalo o o lolameng le go itse ka tse dintsi tse di kwadilweng, di le mo diphatseng tsa go nyelela.

Fa a akgela, Rre Maje o boletse fa buka ya gagwe e dirisa manatetsha puo gore mmadi a akole lobebe lwa puo ya Setswana gammogo le go ruta setshaba ka ditswanageng tse batho ba tshelang le tsone.

A re buka e, e siametse mongwe le mongwe yo o ratang ditso tsa Setswana bogolo jang baithuti. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Mmoniemang Motsamai

Location : MOCHUDI

Event : Tshimolodiso ya buka

Date : 14 Nov 2022