Breaking News

Twantsho borukutlhi e tlhoka tshwaragano ya botlhe

13 Nov 2022

Tshwaragano ya morafe, magosi le ba sepodisi e ka dira gore dikgetsi tsa borukhuthi di fokotsege.

Se se builwe ke mothusa kgosi wa Gumare Kgosi Khumalo Ovuya kwa bokopanong jwa dikomiti tsa twantsho borukhuthi tsa kgaolwana ya sepodisi ya Okavango (District No 17) mo Gumare ka Labotlhano. 

Kgosi Ovuya o boletse fa tshwaragano ya ba-na-le-seabe e ka thusa go fokotsa borukhuthi jaaka dikiteo le bogodu jwa leruo mo metseng ya Okavango.

O ne a akgola tiro ya go gaisanya ga dikomiti tsa twantsho borukhuthi.

Modulasetilo wa twantsho borukhuthi mo kgaolong ya sepodisi ya District No. 17 Kgosi Mwakaupi Seemeko yo eleng Kgosi wa Etsha 6 a re moono mogolo ke gore dikomi di ithute mo go tse dingwe le go arogana dikitso. 

O gwethile dikomiti tsa twantsho borukhuthi go nna le neelano megopolo. 

Fa a ba ema ka lefoko, mogolwane wa kgaolwana eo ya sepodisi Officer Commanding Senior Superintendent Victor Nlebesi o akgotse dikomiti  le ba sepodisi go bo ba kgonne go dira bokopano joo jwa ntlha mo Gumare ka kgaolo ya bone ya sepodisi e santse ele ntsha.

O ba akgoletse go tshwaragana, a re ba dira ditso tsa kgaolo ya bone le ntswa go na le tlhaelo ya ditsompelo. 

A re dikgaisano tsa dikomiti tsa twantsho borukhuthi di ne di amilwe ke bolwetsi jwa COVID-19 mme a re bafenyi ba kgaolwana eo ba tla a ya go phadisanya le dikgaolo tse dingwe.

Senior Supt Nlebesi o ne a tswelela a ba gwetlha go lwantsha borukhuthi mo malatsing a masome a marataro a tswantsho borukhuti. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Bokopano

Date : 13 Nov 2022