Breaking News

Kokelwana ya Maunatlala e tlaa atolosiwa

13 Nov 2022

Kokelwana  ya Maunatlala e tla atolosiwa ka tshwaragano ya puso , Rothschild Family Foundation le morafe.

Se se builwe ke Tona wa Botsogo le Boitekanelo yo gape e leng Mopalamente wa Mathethe/Molapowabojang Dr Edwin Dikoloti fa a buisa phuthego ya kgotla kwa Maunatlala ka Labone. 

O tlhalositse fa ba dumelane le Rothchild Family Foundation, mme go setse go baa  monwana mo go tla dirwang pele ga kgwedi ya Ngwanatsele e ya fifing.

A re lephata la botsogo le itlamile go atolosa di health Post tsotlhe go nna tsa  segompieno gammogo le go bereka 24hrs fa madi a letla. 

A re katoloso e, e raya koketsego ya bodiredi le matlo a boroko. 

Dr Dikoloti o ba akgoletse go ikemela ka dinao, ka go ikopela dithuso gammogo le go kgobokanya madi ele morafe, a re se se supa mowa wa boipelego.

A re go setse go agilwe dikokelanwa di le lesome le botlhano ka dithuso, pharologanyo ke gore mothusi wa bone ga a ntshe madi otlhe a le nosi, o thusana le puso le morafe. 

A re dikago tse di tshwanetse go tshwana, a supa fa puso e na le mealo le polene ya dikokelwana.

Mo go tse dingwe, Dr Dikoloti o ne a  lebogela  banni go tsaya  mekento ya COVID-19, selo se se thusitseng go fokotsa kanamo ya  mogare.   

Are tlhaelo ya bodiredi e gakadiwa ke gore bana bangwe ba Batswana ba gana go berekela mo dikgaolong mo ba kgonang go tlogela tiro. 

O ne a kopa batsadi go bua le bana le go ba rotloetsa gore fa ba bereka ba thuse setshaba sentle. 

A re lephata la botsogo le itlamile go isa ditlamelo kwa setshabeng ka go bereka le boiteledipele jwa morafe, tlhalosa fa kgosi a tshwanetse a itse gore morafe wa gagwe o tsoga jang.                            

O boletse fa motse mongwe le mongwe o tshwanetse wa nna le komiti ya botsogo, a tlhalosa gape fa go tlaa okediwa bo Mmaboitekanelo,  are ba botlhokwa ka jaana ba isa ditirelo tsa botsogo kwa malwapeng.                                         

Dr Dikoloti are malwetse aa sa tshelanweng mme ale borai a tlhoka  go bonwa go sa le nako a bolela fa dipatisiso di supa fa motho a le mongwe mo go ba le lekgolo a tlhokafala ka ntlha ya malwetsi a. 

O tlhalositse fa itshidilo mmele e le botlhokwa ,a rotloetsa morafe gore ba e tsenye mo lenaneong la bone la tsatsi le letsatsi.                                                 

Tona are lephata la botsogo le tseetse kwa godimo kgang ya go tlhatlhobela malwetsi a, a tlhalosa fa dipatisiso di supa fa borre ba le maoto a tshupa go tlhatlhoba, mme ba ya ngakeng go setse gole thata. 

A re katoloso tlhatlhobo e ka thusa lephata gore ba bone gore ba tlhoka melemo kae. 

Are ba solofetse dingaka go tswa Cuba tse  di tla thusang mo seemong sa tlhaelo ya dingaka.

Dr Dikoloti o tlhalositse fa  tlhaelo ya melemo e bakilwe ke kiletso mesepele ya COVID-19 ya mafatshe. A re puso e ngoka bagwebi ba mafatshe go dira madirelo a melemo mo Botswana.                                               

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse Rre John Dinale o tlhaloseditse tona fa kokelwana ya bone ele kgologo, ele nnye, gape e na le tlhaelo ya bodiredi. 

A re banni ba a sokola ka gore fa go sena ngaka ba ya Palapye kana Serowe, a tlatsa ka gore fa gongwe  balwetsi ba latlhegelwa ke botshelo mo tseleng.                                                

Mogokaganyi wa komiti ya lenaneo la katoloso ya kolelwana  ya Maunatlala Rre Oteng Toteng o boletse fa mosepele wa bone le Rothschild Family Foundation o tswa kgakala, ka jaana ba agile  motlobo wa dibuka wa morafe mo nakong e e fitileng.                                         

Mothusa Tona wa tsa  Selegaele Tlhabolo Magae yo gape a leng Mopalamente wa Lerala/Maunatlala Rre Sethabelo Modukanele o lebogetse tona go lekodisa morafe wa Maunatlala ka katoloso ya kokelwana ya bone.                                

A re selelo segolo sa banni ba Maunatlala le metse ee mabapi se arabilwe . 

Tona Dikoloti o ne a abela komiti ya ditlhabololo tsa motse sebala makgolo, gammogo le peo ya mmidi wa high breed. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : BOPA

Location : Maunatlala

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 13 Nov 2022