Botsogo jwa tlhaloganyo bo botlhokwa
13 Nov 2022
Baithuti ba gakolotswe go ela tlhoko botsogo jwa bone jwa tlhaloganyo ka bo ka ama matshelo le dithuto.
Morutintshi wa Botsogo jwa Tlhaloganyo, Mme Lobone Madiabaso o buile jaana kwa thuto-puisanyong le baithuti kwa sekoleng se segolwane sa Shoshong bosheng.
Mme Madiabaso o tlhaloseditse baithuti fa go le botlhokwa go ela tlhoko kwelotlase ya maikutlo, le go fetoga ga boitsholo mo go sa tlwaelesegang, a re seo e ka nna dingwe tsa dikai tsa go tlhoka go tsoga sentle mo tlhaloganyong.
Mo godimo ga moo, o ba gakolotse botlhokwa jwa gore ba ikamogele fa ba sa tsoga mo tlhaloganyong, le gore ba potlakele go itekodisa ka mathata a bone kwa go ba bogakolodi gore ba thusiwe go santse go na le nako.
A re ba tshwanetse go tlhaloganya gore ga go molato go amogela fa ba sa tlhole ba batlwa ke balekane ba bone, a gatelela gore amogela seo go botlhokwa ka go thusa yo o amegileng go gatela pele.
Kwelo tlase ya maikutlo, Mme Madiabaso are e ka bakwa ke kgokgontsho, mme a tlhalosa gore go tlhoka go tshela sentle go ama botsogo jwa tlhaloganyo.
“Bogodi, dikgotlhang, go tlhalwa kana go tlhaela, le tiriso botlhaswa ya ditagi ke dingwe tse di koafatsang maikutlo, mme di felele di ama botsogo jwa motho,” a tlatsa.
Ka jalo, o kopile baithuti go iphapha mo tirisong botlhaswa ya ditagi, a re go dira jalo go borai ka ditagi di ka koafatsa ka fa ba akanyang ka teng ka gore boboko jwa bone bo santse bo gola.
Borai jwa ditagi, a re ke gore di ka baka gore baithuti ba tlhoke go gakologelwa se ba se rutwang e bile di ka ba bakela mathata a a farologaneng mo setshabeng.
“Di-tla morago tsa tiriso ya ditagi e ka nna go tlhoka go robala sentle, pelo e e bokoa le kgonagalo ya go latlhegelwa ke botshelo ka bonana,” a tlhalosa.
Mme Madiabaso o tlhalositse fa kwelo tlase ya maikutlo e baka dikakanyo tsa go ikgapela botshelo ka molwetse wa mofuta o a sa tlhole a na le kgatlhego mo go sepe fela e bile a sa bone botlhokwa jwa go tswelela a tshela.
O gakolotse baithuti go bua mathata a bone gore ba sidilwe maikutlo, go ikgapha mo tirisong ya ditagi ba bo ba tlhoafalela go dira ka natla mo dithutong gore ba nne le bokamoso jo bo kgatlhisang.
Fa a ntsha la gagwe, mogakolodi wa botsogo jwa banana Rre Thusego Maibi o gakolotse baithuti go itse ka malwetse a a tshelanwang le ditsela tse a ka thibelwang ka tsone. “Go botlhokwa gore batho ba itse seemo sa bone, segolo thata sa mogare wa HIV gore ba neelwe thuso ka bofefo go itsa kanamo ya mogare oo,” a tlatsa.
Rre Maibi o gakolotse baithuti go sala morago ditsetlana tsa go ikgapha mo malwetseng a a tshelanwang gore botsogo jwa bone bo babalesege.
Fa a tswala dipuisano tse, modiri kwa ofising ya mopalamente wa Shoshong, Rre Motukisi Moremi o kgothaditse baithuti go di tsaya ka tlhoafalo le go ikgapha mo ditirong tse di maswe tse di ka senyang bokamoso jwa bone.
“Dithuto tse, di ka le thusa go ela tlhoko tikologo e le tshelang mo go yone le ka fa le tshelang ka teng le ba bangwe.
Di ka thusa le ka go bopa boitshwaro jwa lona go ya pele,” ga gakolola Rre Moremi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaone Fati
Location : Shoshong
Event : Thuto-puisano
Date : 13 Nov 2022