Breaking News

Tati Land Board e tla a aba ditsha di le 6511

13 Nov 2022

Lekgotla la kabo ditsha la Tati, fela jaaka makgotla a mangwe a kabo ditsha lefatshe ka bophara, le tsweletse ka go abela baikopedi ba kgaolo ya Bokone Botlhaba ditsha.

E ne ya re ngwaga ono o simologa, Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a baya seelo sa gore e re ngwaga wa madi wa 2022/2023 o ya bokhutlong, go bo go abilwe ditsha tsa bonno di le 100 000 lefatshe leno ka bophara.

Ka jalo tona wa lephata la merero ya lefatshe le metsi, Rre Kefentse Mzwinila, o ne a beela makgotla a kabo ditsha dielo tsa one.

Mo potsolotsong, modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la Tati, Rre Nixon Mogapi o boletse fa ba dira gotlhe go leka go fitlhelela seelo se ba se filweng sa gore ba bo ba abile ditsha di le 6 511 mo ngwageng wa madi wa 2022/2023.

Rre Mogapi a re ba setse ba abile ditsha di le 3 598 tsa bonno mo metseng e le lesome le borataro go simolola ka Moranang go fitlha Ngwanatsele a le lesome.

A re letsholo la bone le tsweletse go netefatsa gore ngwaga ono wa madi fa o wela ba bo ba akareditse metse yotlhe ya kgaolo ya Bokone Botlhaba, e le masome a mane le boraro.

Are lekgotla le tlaa thiba diphatlha mo metseng mengwe, a supa fa ba tsweletse ka go potiela ditsha fa gare ga metse e le lesome le borataro. Rre Mogapi are mo go lekeng go fefosa seo ba sa tswa go thapa dikompone tse di ikemetseng go ba thusa mo metseng e le lesome le motso.

Are ba solofetse gore go potiela ditsha tseo, mo go simolotseng kgwedi eno e simologa, go wediwe e ya fifing mme ba solofetse gore go bo go potietswe ditsha di le 2 728. O gwetlhile morafe go dirisanya sentle le bodiredi jo bo tlaa bong go dira tiro eo.

Rre Mogapi are batho ba tshwanetse ba tlhaloganya gore boikarabelo le dithata tsa bone di felela fela mo teng ga ditsha tse ba di abetsweng semmuso, a re ba ba ka tswang ba itirisetsa lefatshe le ba sa le abelwang mo mananeong mangwe a bone, ba tlaa tlamega go ba fuduga go sutela lekgotla la kabo ditsha go abela baikopedi.

O tlhalositse fa mo nakong eno ba na le baikopedi ba ba emetseng go abelwa ditsha ba le 60 000 go tswa mo metseng ya kgaolo eo.

Le fa go ntse jalo, o supile tlhobaelo ya go bo kgaolo ya Bokone Botlhaba e le nngwe ya tse di nang le lefatshe le le nnye, le a boletseng le fekeediwa ke palo ya batho ba kgaolo, a re ke sengwe se se ba bakang tiego mo go abeleng baikopedi ditsha.

Rre Mogapi a re ka ntlha ya tlhaelo ya lefatshe, baikopedi ba ditsha tsa masimo ba abelwa selekanyo se se sa feteng 8 hectares fa ba thuo ya dihutshane le ditshingwana tsa merogo bone ba abelwa 1 hectare.

Rre Mogapi a re o maitekong a go fokotsa tlhaelo ya lefatshe la bonno, ba dira thulaganyo ya go reka masimo mangwe a beng, a re mo ngwageng ono wa madi ba ikaelela go reka selekanyo sa 22 hectares fa mo ngwageng wa madi wa 2023/2024 ba ikaelela go reka a 170 hectares go tswa mo metseng ka go farologana ya kgaolo.

O tsweletse a bolela fa ba tshwentswe ke ditsha tse di tsayang  lobaka lo lo leele di sa tlhabololwa, a re go le gantsi go ba baka ketsaetsego ka fa gongwe ditsha di felela di tlhatlagantswe go sa lemogiwe.

Are ka tshwanelo ditsha tsa bonno di tshwanetse tsa tlhabololwa mo dingwageng tse tlhano, tsa masimo tsone mo go tse tharo fa tsa kgwebo di tlhabololwa mo lobakeng la ngwaga.

Le fa go ntse jalo, o kgadile mokgwa wa go ikamoga lefatshe ka go le rekisa, a bo a kgala bangwe ba ba maoto a tshupa go duela madi a tiriso ya lefatshe.

Rre Mogapi o supile fa lekgotla le kolotiwa madi a mantsi  a tiriso ya lefatshe.

Fa a itebaganya le kwadiso ya ditsha, Rre Mogapi o a ne are e santse e tsweletse, ebile ba dirile thulaganyo le khansele ya kgaolo eo, gore banni ba ba kwa ntle ga Masunga ba kwadise ditsha tsa bone kwa diofising tsa boipelego mo metseng ka go farologana, seo e le go ba fokoletsa mosepele. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Masunga

Event : Potsolotso

Date : 13 Nov 2022