Breaking News

Desert Bush Walk e dira bontle

13 Nov 2022

Bagokaganyi ba Desert Bush Walk, mokgatlho o o rulaganyang tiro ya go tsamaya mo sekgweng go kgobokanyetsa ba ba ‘kobo dikhutshwane madi, ba galaleleditswe tiro e ntle e ba e direlang setshaba. 

Mothusa tona ya thuto, Mme Nnaniki Makwinja o ne a ba akgola jalo ka Laboraro kwa bokopanong jwa ba makalana a a ikemetseng a Desert Bush Walk e a thusang ka madi go thusa setshaba.

Mme Makwinja o tlhalositse fa go itumedisa go bona batho bangwe ba ratela ba ba tshelang le bone, bogolo jang ba ba ‘kobo dikhutshwane, botshelo.

Are go ngomola pelo go bona bana ba tsamaya ka dinao ba ya sekoleng sekgala se se leele mme a itumelela gore Desert Bush Walk e thusa gore bana ba ba bone thuso. 

Mme Makwinja o supile gore se se supa gore rotlhe mo setshabeng re dira pharologanyo mme a kopa batho gore ba tseye karolo mo mogwantong wa bush walk ka o supile gore fa e sale o simolola ka 2015 o kgonne go kgobokanya P2.5 million.

O kaile fa mogwanto wa monongwaga o o kgobokantseng P390 207.70, o tlaa thusa makgotla a bopelotlhomogi. 

Mogokaganyi wa mogwanto o, Rre Archibald Ngakayagae o kaile fa madi a a kgobokantsweng monongwaga a tlaa thusa makalana a le masome a mabedi le boraro gore ba tswelele ba thuse ba ba ‘kobo dikhutshwane. O kaile gore le fa e rile morago ga segajaja sa COVID-19 ba seka ba kgona seelo se ba neng ba se ipeetse, mme gone ba kgonne gore ba kgobokanye madi a a tlaa thusang makalana a. 

Rre Ngakayagae o bile a leboga botlhe ba ba tswelelang ba rotloetsa maitlamo a Desert Bush Walk go fetola matshelo a batho. 

Mogwanto wa Desert Bush Walk o tlaa nna gape ngwaga o o tlang Phukwi a tlhola malatsi a le masome mabedi le boferabongwe.Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Bakang Wren

Location : Gaborone

Event : Mogwanto

Date : 13 Nov 2022