VDC ya Tshikinyega e aba ntlo
10 Nov 2022
Maloko a komiti ya ditlhabololo tsa motse a Tshikinyega kwa Mahalapye a akgoletswe go fa Mme Gabaikanngwe Ntshwarisang seriti ka go mo agela ntlo e e lopileng madi a a fetang P17 000.
Maloko a, a a agileng kamore, a galaleleditswe mowa wa lerato le kutlwelobotlhoko o ba o supileng mo go Mme Ntshwarisang.
Moamogela baeng kwa moletlong wa go aba ntlo semmuso ka Laboraro, Kgosi Sedibana Motlogelwa wa Tshikinyega, o ne a re tiro e ba e dirileng e tona e bile e tshwanetse go iteelwa legofi ka bonno bo le botlhokwa mo botshelong jwa motho
“Modimo o le lebile gore fa go tlhokafalang thuso teng, le a thusa mme o tlaa le okeletsa le lona. Tswelelang ka mowa oo wa lerato,” a tlatsa.
Sebui sa letsatsi, Mokhanselara Joseph Tjienda wa Mahalapye Legare, gape e le modulasetilo wa komiti ya boipelego le ditlhabololo, kwa khanseleng, o ne a akgolela maloko a mowa wa bone wa boithaopo le boipelego, a re seo ke sekao se se eletsegang mo setshabeng.
“Re lebogela lerato le le kanakana le re le bonang ka Tshikinyega VDC.
Tshwaragano e, ke yone e re thusang mo go iseng ditirelo tsa rona kwa bathong,” ga bua Rre Tjienda.
“Se le se dirileng ke tiro e ntle e e supang kutlwelobotlhoko, tirisano, tshwaragano le boipelego, e bile se tsamaelana le one maitlamo a puso, go ya ka letshego la Vision 2036 la go tlhabolola matshelo a setshaba,” a tlatsa.
A re maikaelelo a puso ke go tlhabolola matshelo a setshaba gore mongwe le mongwe a tshele botshelo jo bo eletsegang, ka jalo go itumedisa go bona maloko a Tshikinyega VDC a ithaopile go tsaya karolo mo go thuseng puso go fitlhelela maikaelelo a yone.
A re puso e ka seke e kgone sengwe le sengwe e le nosi.
Modulasetilo wa Tshikinyega VDC, Mme Oreeditse Thwabi o supile fa ba ne ba bona go le maleba go ithaopela go agela Mme Ntshwarisang ntlo, go tsibogela letlhoko la gagwe, bogolo jang ka tlhabololo matshelo a batho e le konokono ya maikaelelo a komiti.
Mme Thwabi a re ba kgonne tiro ka popagano le tirisano mmogo ya maloko, mme gape a lebogela thotloetso ya mogwebi Rre Keletetse Motlogelwa yo o tsereng karolo mo tirong e.
O ne gape a leboga botlhe ba ba tsereng karolo mo go thuseng gore tiro e atlege, bogolo jang raboipelego, Rre Segolame Seretse ka kaedi ya gagwe.
Rre Motlogelwa o tlhalositse fa a ne a bona go le maleba go thusa mo kagong ya ntlo e, ka a dumela gore go botlhokwa gore setshaba ka kakaretso se tshwaraganele go thusa le go direla ba ba ’kobo dikhutshwane.
A re ke sone fela se se ka kgonang go thusa puso gore e atlege mo maitekong a yone a go isa Botswana kwa pele.
Mokhanselara wa Tshikinyega, Rre Orelebile Baatweng o akgotse maloko a komiti e gammogo le botlhe ba ba nnileng le seabe mo kagong ya ntlo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : Mahalapye
Event : Kabo ya ntlu
Date : 10 Nov 2022