Breaking News

Go kgaoganya dikgaolo go ka ama dipalo

10 Nov 2022

Mopalamente wa Molepolole Bokone, Rre Oabile Regoeng o gakolotse banni ba motse go ela tlhoko gore go kgaoganya dikgaolwana dingwe go ka isa dipalo tsa batho ba ba mo go tsone kwa tlase.

Rre Regoeng o buile jaana mo phuthegong ya komiti e e itebagantseng le go kgaoganya dikgaolo tsa botlhophi ka Labobedi kwa kgotlaneng ya Matlhalerwa.

Rre Regoeng o ne a ntsha kgakololo eo morago ga gore banni ba supe fa ba eletsa fa dikgaolwana tsa botlhophi tsa Molepolole di ka okediwa.

A re ntswa dintlha di builwe tsa gore go lebelelwa eng gore kgaolo e okelediwe palo ya dikgaolwana, ene o dumela fa kgaolo ya Molepolole e siame e na le tse pedi fa a lebeletse palo ya banni.

Mo go la gagwe, mothusa kgosi ya Bakwena, Rre Lawrence Mhaladi le ene jaaka Mopalamente Regoeng o ne a supa fa go se molemo go oketsa kgaolo ya Molepolole ka gore dikgotla tse dingwe di wela mo dikgaolong di sele.

O ne a ntsha sekai ka motsana wa Mosokotswe a re o mo Molepolole Borwa mme o wela mo kgaolong ya Thamaga.

O ne a tlatsa ka go re banni ba Mogonono le bone ba tsenngwe mo kgaolong ya Molepolole ka ba tsamaya sekgala go ya Lentsweletau ba latela ditlamelo mme ba le gaufi le Molepolole.

Mo go la gagwe, motshwarelela modulasetilo wa komiti e e kgaoganyang dikgaolo tsa bopalamente, Rre Sinvula Isaac o ne a tlhalosetsa banni fa loeto lwa bone go lekodisana le banni ba dikgaolo lo simolotse ka Seetebosigo kwa Kachikau mo kgaolong ya Kasane. 

Rre Isaac a re se se tla morago ga gore palamente e tsee tshwetso ya go oketsa dikgaolo go tswa mo go masome matlhano le bosupa go ya kwa go tse di masome marataro le bongwe, se se raya gore go tlaa tsengwa dikgaolo tse nne Botswana ka bophara.

O ne gape a tlhalosa fa thulaganyo ya go sekaseka dikgaolo e dirwa morago ga dingwaga tse di lesome go setswe morago molao-motheo wa lefatshe.

O boletse fa tshwetso ya komiti e ka dirwa fa palamente e dumalane gore dikgaolo di okediwe, gape e ka dirwa fa go nnile le palo-batho e e tseneletseng.

A re komiti e netefatsa gore dipalo tsa batho di atamelana le seelo, ka jalo se se raya gore ba tsaya dipalo tsa banni ba bo ba di kgaoaganya ka dikgaolwana tsa botlhophi.

Kwa kgotleng ya Mokgalo ba ne ba kopa gore go lebelelwe molelwane go tswa Metsimotlhabe go ya kwa sekoleng sa Kgari Sechele ka jaana o fapogile mo tseleng.

Ba ne ba kopa gore molelwane o boele mo tseleng e e tlhomameng ka seo se tlaa bo se ba neela sebaka sa gore ba lemoge gore ba ba ba tlhophileng ba kgona go le kae.

Ba ne ba kopa gape gore go baakanngwe molelwane wa Goo-Mogosi, ba re fa o boang teng mo nakong ya gompieno e nne tsela e e tlhamaletseng gore dikgaolwana tsotlhe tsa Kweneng di kopanngwe. 

Ba ne gape ba lebelela metsana ya Tema-tema le Mogonono ka jaana banni ba yone ba latela ditlamelo kgakala.

Mo dikakgelong, banni ba Matlhalerwa ba ne ba supa fa ka fa Molepolole a kgaogantsweng ka teng go sa nametse. 

Bontsi bo ne jwa supa fa ba eletsa gore Molepolole o ka nna le kgaolo ya boraro ka jaana ditlamelo ga di kgone go goroga ka nako kwa bathong.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo ya kgaolwana ya Magokotswane, Mme Leatile Majafe o ne a dumalana le gore dikgaolwana tsa botlhophi di okediwe gore dikgotlana tse di mo Molepolole Borwa di boele mo kgaolong ya botlhophi ya Molepolole Bokone. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Keagetswe Motsumi

Location : Molepolole

Event : Phuthego

Date : 10 Nov 2022