Monana o rotloetsa mowa wa go itirela
09 Nov 2022
Banana ba kgotlhaditswe go nna le mowa wa go itirela le go batla methale mengwe ya go itlhamela mebereko gore ba nne le letseno.
Kgothatso e, e dirilwe ke monana, Rre Peter Molefane mo Serowe bosheng mo potsolotsong le BOPA, a tlhalosa fa metlhala ya khumo e le mentsi e tlhoka balati.
Rre Molefane yo o dingwaga tse di masome mararo, o tlhalositse fa e rile morago ga go senyegelwa ke mmereko kwa Gaborone mo khamphaning ya CAT e e baakanyang dikatakata, a lemoga fa go le boima go bona tiro mo malatsing a gompieno, a boela gae mo Serowe go iphutha metlhala mme a itshimololela madirelo a tiro ya diatla.
Madirelo a gagwe a dira dilo tse di farologaneng di akaretsa dinomoro tsa dikoloi, ditilo tsa dipolanka, tse di dirilweng ka dithaere, mantlo a dintsa le tse dingwe.
Rre Molefane a re tiro e ya gagwe ga a e ela sekoleng mme o ithutile fela kwa a neng a ntse a berekela teng.
O ne a supa fa a ne a itshimololela madirelo a ka madi a a neng a a ipoloketse fa a santse a berekela kwa Gaborone.
A re ntswa go ne go se bonolo fa a simolola madirelo ka e ne e le nako ya segajaja sa COVID-19, one a ipolelela gore seemo seo ga se na go phirimisa ditoro tsa gagwe.
A re le fa a bona bareki ba ba nametsang kwa madirelong a gagwe, go na le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone letsatsi le letsatsi jaaka letlhoko la didirisiwa tsa motlakase le go tsaya didirisiwa kgakala jaaka Francistown le Gaborone.
O rotloeditse banana ba Botswana ka bophara go nna le mowa wa go itirela le go ipatlela metlhala e ba ka itshetsang ka yone gore ba tswe mo ditirong tsa borukutlhi le mo ditaging tse di ka ba senyetsang isago.
O ne a tlhalosa fa ditagi le borukutlhi di ka seke di ba ise gope mo botshelong fa ese go baya matshelo a bone mo diphatseng. BOPA
Source : BOPA
Author : Atang Mosinyi
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 09 Nov 2022