Breaking News

Ba lebogela puso mananeo

09 Nov 2022

Banni ba Kutamogoree ba lebogetse puso go bo e tsile ka mananeo a a lebaganeng le go ba thusa go lemoga bokgoni jwa bone.

Fa a bua kwa kgotleng ya motse oo, go amogela mofenyi wa mmabontle wa MISS RADP wa kgaolo yotlhe ya legare, gape e le ngwana wa Kutamogoree, Kgosi Motsamai Kgosi a re fa esale puso e tla ka lenaneo la Affirmative Action, le le itebagantseng le batho ba ba nnang kgakala le ditlamelo, go nnile pharologanyo e ntsi thata mo matshelong a bone.

Lesego Kebadile yo o dingwaga tse di masome mabedi le boraro a tlholega kwa Kutamogoree, ke ene mofenyi wa mmabontle wa kgaolo ya Legare wa MISS RADP.

Kgosi a re, e re le ntswa ba na le bothata jwa gore banana ba metse ya bone ba  maoto a tshupa go tsaya karolo mo mananeong a puso, ba ba ititeileng ka thupana go tsaya karolo ba atlegile, e bile ba tsholeditse serodumo sa metse ya bone.

O ne a tlhalosa fa ba le motlotlo ka gore ngwana wa motse wa bone o dirile diaba ka go nna kgarejwana e e gaisitseng mo kgaolong-potlana ya Tutume, mme morago a tswelela a nna sekgantshwane gape mo kgaolong yotlhe ya Legare.

Selo se, a re e tlaa nna thuto le kgothatso mo go ba bangwe balekane ba gagwe, gore le bone ba kgone go iteka go bona bokgoni jwa bone le gore ba  na le ditalente di fe tse ba ka di salang morago gore le bone ba felele e le dikgantshwane tsa kgaolo.

O ne a tlhalosa gape gore ka thuso ya puso mo motseng wa bone, ba na le bana ba badirela puso mo maphateng ka go farologana le ba ba setseng ba berekela kwa mafatsheng a sele ka ntlha ya thuso ya lenaneo le la puso.

Ka jalo Kgosi o ne a kopa batsadi go kgothatsa bana go itsaya tsia, go nna le ponelopele le go thoafalela go tsaya karolo mo dilong tse di ba lebaganyeng.

Fa a tswa la gagwe, mmaboipelego wa motse, Mme Katlego Maduo o ne a re o itumeletse ka fa mosepele wa bone le mmabontle Lesego o tsamaileng ka teng go tswa fela kwa tshimologong ba phadisana mo kgaolong.

Mme Maduo a re Lesego o sale a simolotse go dira bontle go tswa fela kwa Nata kwa a neng a phadisana le balekane ba gagwe mo kgaolong ya Tutume, mme morago ba tsamaya le ene e le mofenyi a ya go gaisana le ba dikgaolo-potlana tse supa tse di mo kgaolong ya Legare.

A re o ne a nna a dira ka bo-tswa pelo mme ya nna mofenyi gape mo kgaolong yotlhe ya Legare.

A re mo sebakeng se ba dirisanyeng le mmabontle yoo, ga ba ise ba nne le bothata bope ka maitsholo a gagwe.

Selo se a re ba se itumeletse thata ka botho e le jone konokono mo bodiragatsing jwa go tshwana le jo.

A re mmabontle o tlaa emelela ka letsatsi la Tshipi go ya go phadisana le ba dikgaolo tse dingwe tsa bo Kgalagadi le Gantsi le tse dingwe fela jalo kgwedi eno e le masome mabedi le borataro.

Mme Maduo o ne a kopa botsadi go baya ngwana wa bone mo dithapelong le go mo rotloetsa. BOPA    

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : TUTUME

Event : Kamogelo

Date : 09 Nov 2022