Breaking News

Kgosi kgannyeng o tlogela tiro

08 Nov 2022

Boitumelo bo ne bo ile magoletsa Labotlhano kwa Bray, kwa kgaolong ya Kgalagadi Borwa fa kgosi ya ntlha ya motse oo, Kgosi Lenyeletse Kgannyeng a fologa setilong sa bogosi morago ga go busa dingwaga tse di masome a mararo le bosupa.

Motse oo, o o itshomileng fa gare ga dipolasi mo sekitlaneng sa lefatshe sa ditema tse di makgolo matlhano, o tlhomilwe go nna motse ka Lwetse 17, 1984.

Kgosi Kgannyeng e ne ya nna ene kgosi ya ntlha ya motse go fitlha nako eno.

E rile ka Labotlhano, kgotla ya bo e tletse e rile thi! Megolokwane le melodi e lelela adimo, badiragatsi ba mebino e e farologaneng ya ngwao ba ntsha ga tshwene, go laela kgosi yo o ba busitseng lobaka lo lo leele.

Thitokgang ya molodi wa koma e nonne ka melaetsa e e lebogang kgosi go bo a bopagantse motse oo wa makgatlhanela thapong go nna ngata e le nngwe e le Batshweneng le baAfrikaans mme a o tlogela o lotane.

Sebui sa tlotla, Kgosi David Toto wa Tsabong yo e leng leloko la Ntlo Ya Dikgosi o ne a kopa morafe go tswelela o tshegeditse Kgosi Kgannyeng ka e le sefalana sa dikitso tsa bogosi e bile e le kwa ba ka anywang dikitso teng go tlhabolola motse wa bone.

O kaile fa Kgsosi Kgannyeng a ne a le seopo sengwe le morafe, a dira ditiro tsa boithaopo, selo se se tshwanetseng sa iteelwa legofi mme dikokomane tse di tlang di ithute mo go sone.

A re Kgosi Kgannyeng o ne a rwesiwa boikarabelo jwa go etelela morafe pele a sa le mmotlana, mme a nna moeteledipele yo o nonofileng, yo o neng a etelela morafe wa gagwe a tsepame, ntle le go tsaya letlhakore.

Kgosi Toto a re bogosi ke lengwe la makalana a mane a makgotla a Setswana mme kgosi o ne a lomaganya morafe le maphata a a farologaneng ka bokgabane.

A re motlha wa ga Kgosi Kgannyeng a simolola tiro, go ne go le thata ka ditlhabololo di ne di le kwa morago mme a seka a ipona tsapa, a goga ka botswapelo, bopelotelele le boammaaruri.

“Lwa mo roma a reetsa dilelo tsa lona, a emetse matshelo a lona go bona gore ditlamelo di a goroga,” Kgosi Toto a tlhalosa.

O kaile Kgosi Kgannyeng e le mosireletsi wa ngwao e bile a e rotloetsa.

Selo seo a re se itshupa ka lobebe lwa mmino wa Setswana wa mekgatlho e e farologanyeng kwa motseng oo mme a kopa gore Kgosi Kgannyeng a fiwe tlotla, a tswelele ka go gakolola yo o tlaa mo tlhatlhamang.

A re o alositse ba le bantsi mo bogosing, a bo a ruta magosi ka go farologana tiro, selo se a se lebogetseng mohumagadi wa gagwe yo o nnileng le seabe go bona gore kgosi o dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho mme a mo rotloetsa gore a tswelele a mo tlhokomele.

Fa a laela morafe, Kgosi Kgannyeng o lebogetse tirisano mmogo e ntle le morafe mme a ba rotloetsa gore ba tlhophe kgosi yo o nonofileng, yo o tlaa tsweledisang fa a emeng teng go isa morafe kwa pele.

O kopile gore yo o tlaa tlhophiwang a tsepame a emele dikeletso tsa morafe. 

Kgosi Kgannyeng o lebogile babereki ka ene a bo a ba solofetsa go tswelela a ntsha dikgakololo fa di tlhokwa.

Kgosi Philip Lorekang wa Maubelo, yo o tlhomilweng go tlhokomela motse ka nakwana go fitlha morafe o tlhopha kgosi, a re Kgosi Kgannyeng o ya go ikhutsa mme o tlaa tswelela a arogana dikitso le morafe, ka jalo ba mo dirise.

Kgosi Lorekang a re le fa Kgosi Kgannyeng a ya go ikhutsa, o tswelela e le kgosi, ka jalo banni ba tshwanetse ba mo tlotle ba tseye dikgakololo mo go ene fa go tlhokegang teng.

Motsadi kwa Bray, Mme Mary Moapare a re kgosi o dirile ka bokgabane, motse wa nna le ditlhabololo jaaka sekole le kokelwana. 

A re o berekile nae, e le barutabana mme kgosi a le mogokgo. 

A re kgosi o sa le a itshupa fa a le sethakga bogologolo joo, ka ba ne ba alosa bana ba jaanong ba berekang mo mehameng e e farologaneng ya itsholelo.

Fa a tswa la gagwe, mokwaledi wa Makgotla a Setswana kwa Kgalagadi Borwa, Mme Gracious Mantries o supile fa kgosi a ne a le bonolo, a le motlhofo go bereka le ene, a le maitseo e bile a dira tiro ya gagwe ka manontlhotlho. 

O kopile gore yo o tlaa mo tlhatlhamang a tsee malebela ka fa kgosi a neng a itshwara ka teng.

Kgosana Mothusinyana Ganetsang ene a re o berekile le Kgosi Kgannyeng dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi e le ralekgotla, a ithuta mo go ene e bile ba bereka mmogo sentle, a intsha setlhabelo fa go tlhokega. 

O mo kopile go tswelele a butse dikgoro tsa lelwapa la gagwe, go amogela morafe ka kgosi ke kgosi go fitlha a tlhokafala.

Mokhanselara wa Bray, Rre Lawrence Tsebeng ene o kopile gore go babalelwe ditlhabololo tse kgosi a di tlogetseng, basha ba ithute ditsamaiso mo go Kgosi Kgannyeng go itsa go latlha ngwao.

Kgosi Kgannyeng o fologa setilo a le dingwaga tse di masome a a ferang bobedi le bongwe mme banni ba motse, beng ba dikgwebo, beng ba dipolasi tse di mabapi le Tautona Dr Mokgweetsi Masisi ba ne ba mo abela dimpho, go mo lebogela go busa ka bopelotelele, boineelo le bokgabane. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : BRAY

Event : phuthego ya kgotla

Date : 08 Nov 2022