Breaking News

Boitekanelo jwa setshaba bo simolola kwa lapeng

08 Nov 2022

Setshaba se gakolotswe go lemoga botlhokwa jwa go rutana le go tsibosana ka dikgang tsa botsogo le boitekanelo go tswa kwa lwapeng ka seo se ka babalela matshelo.  

Go itse ka tsa botsogo go tswa kwa lwapeng go ka thusa mo go tseyeng ditshwetso tse di ka bolokang matshelo, ka ngwana kana mogolo a tlaabo a na le kitso.

Modulasetilo wa Khansele-potlana ya Mahalapye, Rre Bantlhasetse Merementsi o buile jaana ka Mosupologo kwa Shoshong jaaka Lephata la Botsogo le ne le isitse ditlamelo tsa botsogo kwa setshabeng.

Letsatsi le, le ne le tshwerwe ka fa tlase ga setlhogo se se reng: Sexual Reproductive Health for All; Its a Full House".

Modulasetilo o ne a re kgang ya botsogo le boitekanelo o supile fa thulaganyo e e akaretsang botlhe, ngwana, rre le mme a kaya fa pele rre a ne a seegetswe fa thoko mme a supa fa mo nakong ya gompieno rre e le motsaya karolo mo dikgannyeng tsa botsogo le boitekanelo.

O ne a tlhalosa fa dikgang tsa konokono e le boimana pele ga ngwana a tsholwa le fa a sena go tsholwa, mogare wa HIV le tsotlhe tse di amanang le one, tlhakanelo dikobo e e babalesegileng ga mmogo le tlhatlhobelo ya kankere ya molomo wa popelo.

Rre Merementsi a re mo lapeng tsholo e tshwanetse gore e rulaganyediwe.

O ne a supa matshwenyego a gore kgaolo-potlana ya Mahalapye ke nngwe ya dikgaolo di le tharo mo lefatsheng tse di amegileng thata mo dikgannyeng tsa boimana jwa bana ba ba kwa tlase jo bo sa babalesegang.

Modulasetilo o ne a rotloetsa setshaba gore kgang e e tshwanetse ya lwantshiwa go simolola kwa lwapeng.

Rre Merementsi o ne a tlhalosa fa dikgang tsa kgokgontsho ya bong di tshwenya ka go supa fa di oketsega.

O kopile gore batho ba itshekatsheke ka gore dikgang tse tsotlhe di tswa mo malwapeng mme go mo maruding a setshaba go di emisa fa ba tshwaraganye.

Rre Merementsi o ne a leboga ba botsogo go bo ba sa ipona tsapa ka gore dikgang tse di a ba ama, ka go itepatepanya le tsone go ka lere pharologanyo.

Fa a tlhalosa maikaelelo a letsatsi leo, mookamedi wa dikokelwana tsa kgaolo ya Shoshong, Rre Kereng Baakile o ne a re ba ne ba godisa tiriso ya ditlamelo tsa pelegi e e babalesegileng ka Lephata la Botsogo le lemogile fa e le kwa tlase.

Mo godimo ga moo, a re maikaelelo a mangwe e ne e le go tla go akaretsa batsayakarolo botlhe gore ba anamise molaetsa sentle, ba rute setshaba ka kakaretso ka ditlamelo tsa bone le go fokotsa malwetse, dintsho kgotsa sepe se se sa siamelang motho e le tse di amanang le tiriso ya ditlamelo tsa botsogo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Onkarabile Moeng

Location : SHOSHONG

Event : Go isa ditlamelo tsa botsogo kwa setshabeng

Date : 08 Nov 2022