Sireletsang dithoto tsa lona - mapodisi
08 Nov 2022
Setshaba se kopilwe go dira gotlhe mo se ka go kgonang go leka go sireletsa dithoto.
Mookamela mapodisi a e seng a seaparo kwa kampeng ya sepodisi ya Masunga, Detective Assistant Superintendent Obakeng Manewe o buile jalo mo potsolotsong ka Mosupologo morago ga ditiragalo tse pedi tsa bosheng tsa go utswiwa ga dikoloi mo Masunga.
O kopile setshaba go nna ba loma mapodisi tsebe fa ba bona bangwe ba ba ba belaelang mo tikologong ya bone le gore ba sireletse dikoloi tsa bone ka methale ya maranyane a segompieno go ka thusa go latedisa le go ba tsibosa fa sengwe se diragala.
Le fa go ntse jalo, Rre Manewe o ne a gakolola gore fa motho a tlhasetswe ke magodu, a seka a itepatepanya kgotsa a gana go diragatsa ditaelo tsa bone ka magodu mangwe a dirisa dibetsa tse di borai tse di ka nnang diphatsa mo matshelong a bone.
A re mo tiragalong e e diragetseng kgwedi eno e le tlhola malatsi a mabedi gone kwa Masunga, Rre mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le boferabobedi o ne a kgomogelwa ke borre bangwe, a le fa semausong sengwe ka nako ya boferabobedi maitseboa mme ba kopa dilotlolo tsa koloi e a neng a e dirisa.
Detective Ass. Sup. Manewe a re Rre yoo go bolelwa a ne a gana go diragatsa taelo eo mme magodu ao, a go bolelwang a ne a le mararo, a mo hula ka tlhobotswana mo seroping sa moja.
Manweenwee ao, a ne a kgona go tsaya dilotlolo tsa koloi ya modiro wa GD6 e e mmala o mosweu mme ba le botsa phokoje ka yone, a supa fa koloi eo e le ya kompone ya Land Mark, e e dirang tsela ya Masunga/Tshesebe, e Rre yoo a direlang kwa go yone.
Rre Manewe a re magodu ao, a go bolelwang loleme la bone le ne le ganelela mo temeng ya setebele, a ne a dirisa koloi ya modiro wa Honda Fit ya dinomoro tsa Zimbabwe.
A re e sale go tswa foo mapodisi a ntse a le mo patlong ya manweenwee ao.
A re mme mo dipatlisisong tsa bone ba belaela koloi eo e sa tswa go tlodisediwa kwa Zimbabwe kgwedi eno e thlola malatsi a le marataro, ka jaana go fitlhetswe terata ya molelwane wa Botswana le Zimbabwe e kgaotswe mme metlhala ya dikoloi tseo ka bobedi e bonala gone foo.
Detective Ass. Sup. Manewe o boletse fa Rre yoo a sidilega kwa kokelong ya Nyangabgwe kwa Francistown, kwa a robaditsweng teng go alafelwa kgobalo eo.
E ntse e le kwa Masunga, Rre mongwe wa dingwaga tse di masome mararo yo e leng mokgweetsi wa thekisi mo Masunga le ene fela jalo koloi ya gagwe ya modiro wa Honda Fit, e sa tswa go tsena ka lenga la seloko Phalane e le masome mabedi le boferabobedi.
Detective Ass. Sup. Manewe a re Rre yo o boletse fa a phekile koloi ya gagwe jaaka gale maitseboa mme ya re a tsoga phakela a fitlhela naga e le tshetlha.
A re ba ne ba latedisa motlhala wa yone mme ga bonala e tlodiseditswe kwa Zimbabwe magareng ga metse ya Zwenshambe le Gungwe ka lone letsatsi le e utswilweng ka lone.
Rre Manewe o boletse fa ba kwadisitse ditiragalo tsa go utswiwa ga dikoloi di le nne mo metseng e e welang ka fa tlase ga kampa ya bone, e sale ngwaga ono o simologa go fitlha jaana.
A re tsotlhe di santse di tsene la lenga la seloko mme ditlhotlhomiso tsa bone di tsweletse.
E re dikgang di eme jalo, mme mongwe wa dingwaga tse di masome mabedi le botlhano o thusa mapodisi a Tshesebe mo ditlhotlhomisong tebang le tiragalo ya bosheng, ya go fitlhelwa ga lesea kwa lefelong la matlakala kwa Tshesebe.
Lesea leo, le fitlhetswe ke batlhokomedi ba lefelo leo, le le mo kgetsaneng le tlhokafetse kgwedi eno e tlhola letsatsi.
Motshwarelela mookamela mapodisi a Tshesebe, Assistant Superintendent Motlhokomedi Ponyane a re mme yo, o tserwe madi go a amanya le a lesea leo mme go santse go emetswe maduo.
A re fa go ka bonala e le ene mmaagwe lesea leo, o tlaa lebisiwa molato. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : MASUNGA
Event : potsoloso
Date : 08 Nov 2022