Moshaga o abela Kgosi wa pele
07 Nov 2022
Mongwe wa badiragatsi ba lefatshe leno, Rre Taolo Moshaga o abetse motshwarelela bogosi jwa Gammangwato wa pele, Kgosi Rasebolai Kgamane seetsele sa go dira ka natla.
Fa a bua mo Serowe kwa kgotleng ya Kgamane ka Labone, Rre Moshaga are seetsele seo o se abela bogogi jo bo dirileng ka lorato, go sena dibelebejane, ka go ne go le bokete mme ba tswelela ba dira tiro.
Rre Moshaga a re Kgosi Kgamane o pharologanyo mo magosing a mangwe mme tiro ya gagwe e tshwanetse e lemogiwe.
A re magosi a pele ba dirile go sena didirisiwa tse di leng teng mo nakong eno mme ba ba kgona.
Rre Moshaga a re ka thulaganyo e a e dirang, o leboga magosi a pele mo mafelong ka go farologana mme o tla tswelela a ba abela mo lefatsheng leno lotlhe.
A re tiro e e tlotlomatsa se batsadi ba pele ba se diretseng Batswana ka jalo o ne a ikuela mo bagolong ba lefatshe leno go leba kwa morago go batla methale e dikgosi tsa maloba di neng di e dirisa gore go nne le kagiso le thitibalo e e kwa godimo.
O ne a kopa bagolo ba lefatshe leno go rotloetsa tse Kgosi Kgamane a neng a di dira ka lerato gore di tswelele.
A re dikgosi kana babusi ba merafe ba ne ba le botlhale, atlatsa ka gore ditiro tse ba neng ba di dira di tshwanetse di sirelediwe e bile di gakologelwe.
O ne a rotloetsa setshaba go nna le lerato, ba agane, ba tlotlane ba etse magosi a bogologolo ka go direla lefatshe leno.
O tlhalositse fa magosi a pele e ne e le batlhanka ba setshaba, ba dira ditiro tsotlhe tsa setshaba, ba direla setshaba ka nako tsotlhe ba sa ikhutse.
Mongwe wa ditsala tsa lwapa lwa boora Kgamane, Mme Edna Monyena o ne a leboga Rre Moshaga go abela magosi a bogologolo dietsetsele mme a supa fa Rre Moshaga e le moepolola ditso tsa bagaka ba lefatshe leno.
A re e ka tswa ekare Rre Moshaga ga a dire sepe se setona mme se a se dirang se a bonala e bile ba bangwe ba tshwanetse ba kopise mo go ene.
A re lefatshe leno le latlhile ditso mme kwa mafatsheng a mangwe a tshwana le South Africa go na le ditso tsa bagaka ba ba diretseng lefatshe la bone tse di santseng di tshegeditswe.
O ne a rotloetsa Rre Moshaga go tswelela ka tiro e ntle a e dirang.
Mme Monyena a re Kgosi Kgamane ke mogaka wa puso ya Botswana e santse e bitswa Bechuanaland.
A re o ne a nna kwa Sebina e le kgosi koo mme rile a tswa Sebina a ya ntweng ya bopbedi ya World War 11.
A re Kgosi Kgamane o ne a ya Rametsana a ba a ya Pilikwe mme yare a tswa koo a tla Serowe go tla go nna kgosi.
O ne a supa fa Kgosi Kgamane a busitse ka lerato, bonolo, boikobo le tlotlo.
A re go supa fa Kgosi Kgamane e ne e le senatla ka a kile a fiwa tlotla go tswa kwa go Mmamosadinyana ka ngwaga wa 1961 mme ka ngwaga wa 1963 a a fiwa tlotla ya Presidential Order of Meritorious Service (PMS) ke puso ya lefatshe leno ka 1973 ke fa e tlaare one ngwaga oo wa 1973 a tlhokafala. BOPA
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Phuthego
Date : 07 Nov 2022