Banana ba kgothadiwa go itirela
07 Nov 2022
Banana ba kgothaditswe go nna le mowa wa go itirela le go batla metlhale mengwe ya go ithamela mebereko gore ba nne le letseno la madi go itshetsa.
Kgothatso e, e dirilwe ke monana, Rre Peter Molefane mo Serowe bosheng mo postolotsong le ba BOPA.
Rre Molefane yo dingwaga tsedi masome a mararo, o tlhalositse fa e rile morago ga go senyegelwa ke mmereko kwa Gaborone mo komponeng ya CAT ee baakanyang dikatakata, a lemoga fa go se motlhofo go bona tiro mo malatsing a gompieno mme a boela gae mo Serowe mme a itshimololela madirelo a tiro ya diatla.
Madirelo a gagwe a dira dilo tse di farologaneng di akaretsa go dira dinomoro tsa dikoloi, ditilo tsa dipolanka, ditilo tse di dirilweng ka dithaere tse di dirisitsweng, mantlo a dintsa le tse dingwe tse di dirwang ka polanka.
Rre Molefane are tiro e ya gagwe ga a e ela sekolong mme o ithutile fela kwa a neng a berekela teng. Are o ne a itshimololela madirelo a ka madi a a neng a ipoloketse fa a santse a bereka kwa Gaborone.
Are le fa gone gose bonolo fa a simolola madirelo ka ene ele nako ya segajaja sa COVID-19, one a ipolelela gore seemo seo ga sena go phirimisa ditoro tsa gagwe.
Are le fa a bona bareki ba ba nametsang kwa madirelong a gagwe, gona le dikgwetlho tse a lebaganeng le tsone tsatsi le tsatsi jaaka letlhoko la didirisiwa tsa motlakase tse di dirang tiro ka bofefo, le go tsaya didirisiwa tse a di dirisang kwa mafelong a a kgakala jaaka Francistown le Gaborone.
O rotloeditse banana ba Botswana ka bophara go nna le mowa wa go itirela le go ipatlela metlhala e ba ka itshetsang ka yone go bona madi gore ba tswe mo ditirong tsa borukutlhi le mo ditaging tse di ka ba senyetsang isago. O tsweletse ka go tlhalosa fa ditagi le borukutlhi di ka se ke di ba ise gope mo botshelong fa ese go baya matshelo a bone mo diphatseng fela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Atang Mosinyi
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 07 Nov 2022