Ntlo ya lolwapa lwa boora Brooks e jelwe ke molelo
07 Nov 2022
Ba lolwapa loora Brooks kwa Omaweneno mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa erile bosheng ba shwela ke ntlo.
Boora-Brooks ba setse ba iphotlhere morago ga gore ntlo ya bone ya matlo a mane a borobalo e shwe, e bo e lore, kgwedi eno e tlhola gangwe.
Mo potsolosong le ba BOPA, Rre Mosimanyana Brooks o tlhalositse fa tiragalo eo e diragetse ka Mosupologo ka nako ya bosupa mo maitseboeng, morago ga gore motlakase o boe o ne o kgaogile.
Rre Brooks, yo o dingwaga tse di masome a supa le bobedi, a re mongwe wa bana o ne a utlwa monko wa sengwe se se shwang, mme ba potlakela go tsena mo ntlung kwa ba fitlhetseng kgabo ya molelo mo nngweng ya matlo a borobalo.
A re ba ne ba kua mokgosi, mme morafe le ba sepodisi ba tla ka bonako go thusa go tima molelo oo, o o neng o peperetla thata kwa matlong a borobalo.
Rre Brooks a re molelo o ne wa kapa ntlo yotlhe ka jaana phefo e ne e foka thata, mme ya lora.
O boletse fa ba ne ba nna ba le lesome mo ntlong eo, mme ba setse fela mo legoeleleng ka jaana go lorile dithoto tsa ntlo tsotlhe, diaparo, dijo le paka ya sekole ya bana. O ne a supa fa ba ise ba itse ditshenyegelo tsotlhe gore di ka lopa madi aa kae, mme a kopa maphata a puso aa maleba go ba tswa thuso.
Mo puisanong, mogolwane go tswa lephateng la ditima molelo mo Tsabong, Mme Tebogo Ndjoze o ne a supa fa e ne ya re morago ga go amogela pego ba ragogela kwa motseng oo.
Mme Ndjoze a re ka lesego ga go a nna le leso kana dikgobalo dipe ka nako ya fa thusa go tima molelo oo, ba tshwaraganye le setshaba.
O ne a supa fa ba tshwaraganye le ba Botswana Power Corporation (BPC) go tlhotlhomisa se se ka tswang se bakile tiragalo eo, le gore ditshenyegelo di ka tswa e le tse di kae.
E re ka jaana motlakase o tlwaelesegile ka go kgaoga kgapetsa-kgapetsa mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, o ne a gakolola setshaba go tlhomamisa gore ba ntsha megala ya didirisiwa tsa motlakase mo maboteng ka nako tsotlhe. O ne gape a ba gokolola go se tshube ka dikerese, mme ba ikanye dipone. BOPA
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : OMAWENENO
Event : Potsolotso
Date : 07 Nov 2022