Breaking News

Pula e namagadi monogwaga- lephata

07 Nov 2022

Lephata la tepo loapi le supile fa bontsi jwa dikgaolo bo tlaa bona pula e e lekanetseng ka kgonagalo ya koketsego fa paka ya ntlha ya pula, e e simologileng Phalane e fela ka Sedimonthole, 

Modiri wa lephata la tepo loapi kwa Gaborone, Mme Joyce Setoto o boleletse BOPA gore tebelopelo ya tepo loapi e supa fa dikgaolo tsa Nhabe, Chobe, Bokone-Botlhaba, Legare, Kweneng le Kgatleng, di tlaa bona pula e e lekanetseng ka kgonagalo ya koketsego mo dikgaolong dingwe.

Mme Setoto a re kgaolo ya Kgalagadi yone, e tlaa bona pula e e lekanetseng mme go na le kgonagalo ya gore e fokotsege.

A re mo pakeng ya bobedi ya pula e e simologang ka Hirikgong e fela ka Mopitlo, go solofetswe gore bontsi jwa dikgaolo bo amogele pula e e kwa godimo ga e e tlwaelegileng.

O supile fa seemo se, se solofetswe mo dikgaolong di akaretsa tsa Bokone jwa legare go ya go tsena kwa dikgaolong tsa Chobe le Bokone Botlhaba.

Mme Setoto a re dikgaolo tsa Borwa, Bokone, Kgalagadi le Bophirima jwa Nhabe tsone, go solofetswe pula e e lekanetseng mme go na le kgonagalo ya gore mo dikgaolong dingwe, selekanyo sa pula se nne fa godingwana.

O supile fa mo dipakeng tse tharo tse di fetileng, lefatshe leno le ntse le itemogela seemo sa ‘Lanina’, se gantsi se diragalang thata fa go se na mogote o montsi.

A re seemo se, se lebega se siame segolo thata mo Motswaneng yo o tshelang ka temo-thuo, ka jaana go lemotshega fa go tlaa dika go se tlala kana letsatsi.

Motshwarelela molemisi wa kgaolo ya Borolong, Rre Nijel Kgosiemang a re e le ba lephata la temo, ba malala a laotswe go thusa balemi ba kgaolo eo.

O supile fa lephata le eme sentle, a tlatsa ka gore e tlaare beke eno, ba bo ba simolola go ntsha dipampitshana tse ka tsone balemi ba  ka yang go tsaya dipeo ka tsone, kwa madirelong a a tlhophilweng.

Rre Kgosiemang o kopile balemi go ikgolaganya le ba lephata la tepo loapi, gore e re nako e ba simololang go lema, ba bo ba itse seemo sa loapi.

A re seo se botlhokwa ka ba ka kgona go hema go tshela peo mo mmung pula e seo ka na dijalo di sa mele sentle ntateng ya metsi a mantsi.

O supile fa balemi ba kgaolo ya gagwe ba ikwadisitse ka dipalo tse di nametsang mme tsholofelo e le gore ba tlaa dika ba kgonne go ntsha dijo tse di lekaneng ka go lebega ngwaga e le o monamagadi.

Rre Kgosiemang a re dithuso tsa lenaneo la ISPAAD, ga di a fetoga, fa e se fela gore balemi ba ba botlana ba tlaabo ba sa thusiwe ka tshefi e e bolayang mhero, go epa disana, go agelela le go epa didiba.

Mongwe wa balemi ba ba botlana ba kgaolo eo, mme a lema kwa masimong a Ditlharapeng, Rre Topo Mmolawa a re, ene e le mong wa terekere ebile e le molemi, o setse a ipaakantse.

A re e sa le e re paka ya thobo e fela, a bo a simolola go baakanya didirisiwa gore e re lefatshe le se na go tshwara bokgola, a bo a simolola go lema.

Rre Mmolawa o ngongoregile ka boturu jwa leokwane le gore balemi ba ba botlana ga ba na go thusiwa ka di tshefi tse di bolayang mhero.

Rre Moruti Tlhobogang le ene a re, sa le a simolotse go baakanya didirisiwa tsa gagwe ka nako mme a emetse fela gore letsema le simologe.

Rre Tlhobogang yo o lemang kwa masimong a Kgoro a re, o solofetse thobo e e nametsang monongwaga ka pula e lebega e le ntsi mo loaping. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Aobakwe Molefhi

Location : GOOD HOPE

Event : Potsolotso

Date : 07 Nov 2022